Breaking News

Maele o ba rotloetsa go akola Re-A-Nyalana

18 Jun 2025

Banni ba kgaolo ya Tswapong Bokone, segolo jang bagolo, ba kgothaditswe go ikwadisetsa lenaneo la Re-A-Nyalana le maikaelelo a lone e leng go thusa ba ba nang le dingwaga ba nna mmogo mme ba sa nyalana, go nna le ditlankana tsa manyalo.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele a re lenaneo le setse le akotswe ke ba le bantsi ebile le ba thusitse go hema tlhokakutlwisisano e e diragalang fa balekane ba bone ba sena go tlhokafala.

O buile se kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya kgaolo ya Tswapong Bokone jaaka fa a lekola banni ba kgaolo ya gagwe bosheng.

Rre Maele a re go le gantsi fa batho ba sa nyalana mme ba ntse dingwaga tse di ntsi mmogo, ba dira dilo mmogo jaaka go reka dilwana tsa ntlo, dikoloi le go aga mme e re fa yo mongwe a tlhokafala, go lwelwe dithoto ka jalo go nna le setlankana go ka thusa.

A re dikgang tse gantsi di tswa kwa lesikeng lwa monna, ba itatola mosadi ka ba abo ba batla dithoto tse di tlogetsweng ke monna.

Rre Maele a re mo kgaolong ya gagwe, Re-A-Nyalana e setse e thusitse batho ba feta makgolo a matlhano.

A re banyalani ba tlaa fiwa dithuto ka dikgang tse di tshwanang le tsa tlhakanelo dithoto mo lenyalong kana go sa di tlhakanela, gore ba itse pharologanyo le go tsaya ditshwetso tse di maleba.

Rre Maele a re thulaganyo e, ga e kgaphele kwa thoko ba ba nang le keletso ya go nyalana, mme ba ise ba goroge kwa dingwageng tsa bogodi ka gore mongwe le mongwe fela fa a lekane dingwaga tsa go nyalwa a ka ikwadisa.

O itlamile go thusa ba ba ikwadisetsang Re-A-Nyalana ka P300, go ipaakanya, mme a  itlama gore o tlaa thusa motse mongwe le mongwe o moletlo o tshwarelwang kwa go o ne ka kgomo.

O ne a supa fa ba ofisi ya ga molaodi kwa Palapye ba setse ba supile fa ba le malala a laotswe, mme ba tlaa nyadisa ba ba nang le keletso ya go nyalana.

Rre Maele o ne gape a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela mananeo a puso.

A re e ne e rile fa ba ipapatsa, ba supa fa mongwe le mongwe yo o tlaa adimang madi mo lenaneong la Chema Chema a tlaa a neelwa madi ao boemong jwa gore e nne sekoloto.

A re e ne ya re fa puso e supa fa mongwe le mongwe yo o tsereng lenaneo la Chema Chema jaanong a sa kolote sepe, ebile ba ba neng ba emetse go thusiwa ka madi ao ba tlaa neelwa mahala, ga supagala fa banni ba kgaolo ya gagwe ba ne ba sa ikwadisetsa lenaneo ka bontsi, a re  seo e le matshwenyego ka go supafala fa ba ne ba nna maoto a tshupa.

O ne a kopa banni ba kgaolo ya Tswapong Bokone go ititaya ka thupana, e re puso e dira mananeo ba a tsibogele.

O ne a ba tsibosa ka lenaneo la Bonno Housing Scheme le a supileng fa Tautona Advocate Duma Boko a tlaa le simolodisa semmuso mo bogaufing a bolela fa lenaneo leo le tlaa ba ntsha mo letlhokong la bonno.

A re ka lenaneo leo, puso e tlaa aga matlo a le sekete mo kgaolong nngwe le nngwe mme banni ba ka nna le sebaka sa go supa fa ba na le kgatlhego ya go agelwa matlo, ka jalo ba ntshe bonyennyane jwa madinyana kgwedi le kgwedi mo sebakeng sa dingwaga di le masone a mabedi.

A re lenaneo leo le botlhokwa, mme ba kgathologe dipuo tse di ka ba kgobang marapo ba ikwadisetse lenaneo le. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Seolwane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jun 2025