Breaking News

Ditshwanelo tsa bana di botlhokwa

18 Jun 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope/Mmathethe, Dr Edwin Dikoloti, a re lefatshe la Botswana le itlamile go sireletsa ditshwanelo tsa bana.

O buile mafoko a kwa segopotsong sa letsatsi la ngwana wa mo Afrika le le neng le tshwaretswe kwa Magoriapitse ka Mosupologo.

Dr Dikoloti a re go bo lefatshe leno le beile monwana ditumalano tsa mafatshe tsa African Charter le United Nations Treaties, ke sesupo sa tlhwaafalo ya go sireletsa tshwanelo ya ngwana wa Motswana le go aga bana ba ba nang le maikarabelo.

O supile fa kgaolo e setse e na le lekgotla la ditshwanelo tsa bana la District Child Consultative Forum.

Mopalamente o tlhalositse fa seabe sa puso se bonala mo tlhokomelong le kgodiso ya bana ka jaana go setse go na le lephata le lesha la thuto go tswa kwa moding le tlhokomelo ya ngwana.

A re go nna teng ga lephata leo ke kgotsofatso ya setlhogo sa mono ngwaga sa gore ditogamaano le kgaoganyo ya madi di tlaa dirwa mo lephateng leo go itebaganya le dikgwetlho tsa bana.

O kopile setshaba go ipotsa gore seabe sa bone ke eng ka gore go santse gona le dikgoreletsi tse di ntsi. 

A re fa gare ga dikgoreletsi tseo tse di itsang bana go gola sentle le go ba rontsha thuto, e le boimana, go tsamaya sekgala se seleele go ya dikoleng le go ikgatholosa bana.

Dr Dikoloti a re letsatsi leo la ngwana wa mo Afrika le tshwanetse gore e nne segakolodi mo setshabeng sa gore bana ba raletse dikgwetlho tse di nnileng teng, gammogo le boitshoko le popagano.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho wa banana wa District Child Consultative Forum, Mme Neo King o tlhalositse fa letsatsi leo e le go gakologelwa dikgwetlho tse banana ba fetileng ka tsone.

O supile gape fa e le sone sebaka sa go bona go re go dirilwe kgatelopele gole kae le go re go santse go ka dirwa eng go tokafatsa botshelo jwa monana.

Mme King o akgoletse puso go tlhama lephata la bana,.

Modulasetilo wa khansele ya Good Hope/Mmathethe, Rre Gofaone Nkwane a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore ba bontsha bana tsela e e nang le bokamoso.

A re go botlhokwa gore batsadi ba emise go tlhapatsana le go lwa fa pele ga bana ka seo e le sone se ba dirang gore ba felele ba dule mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Magoriapitse

Event : Segopotso sa ngwana wa mo-Aferika

Date : 18 Jun 2025