Breaking News

Pabalesego ya bana ke boikarabelo jwa botlhe

18 Jun 2025

Mothusa molaodi wa toropo ya Selebi Phikwe, Mme Itani Mathumo a re bapalesego le kgodiso ya bana e tshwanetse go nna boikarabelo jwa ba-na-le seabe ka go farologana.

Mme Mathumo o buile jalo ka Mosupologo ka letsatsi la ipelelo ngwana wa mo Afrika le le neng le tshwerwe mo toropong ya Selebi Phikwe.

A re puso e dira gotlhe go tla ka ditsela tse di tlotlomatsang pabalesego ya bana mo dikganyeng tse di akaretsang tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, go nyadisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase, petelelelo le kgokgontsho ka go farologana. 

Le fa go ntse jalo, Mme Mathumo o supa fa go ngomola pelo go bona bangwe ba ikgogela morago mo go rotloetseng pabalesego le kgodiso ya bana e e amogelesegang, a re bangwe ba ba tshwanetseng go tlhokomela bana ke bone ba fetogileng baba.

Mme Mathumo o ile a supa fa bangwe ba santse ba atisitse mokgwa wa go bipa mpa ka mabele le ntswa ba itse dingwe dikgang tsa mofuta o.

A re go tlhoka go tsibogela pabalesego ya bana go beile bangwe bana ka fa mosing, ka jaana ba gola ba na le mowa wa boitlhobogo le kutlobotlhoko, sengwe se a supang fa se na le seabe mo go tlhotlheletseng ditiro tsa botlhokatsebe fa ba gola.

Mme Mathumo o ne gape a rotloetsa baithuti ka go farologana go tlotlana le go tila go inaakanya le ditiro tse di ka felelang di gataka ditshwanelo tsa baithuti ba bangwe.

Fa a tswa la gagwe, mogokaganya ditirelo tsa khansele ya toropo ya Selebi Phikwe, Rre Scotch Matsaunyane a re maikaelelo a go ipelela letsatsi la ngwana wa mo Afrika ke go ikgakolola letlhoko la bana, go dira gotlhe go tlhabolola matshelo a bone, thuto le tsa botsogo magareng ga tse dingwe.

A re se ke go gakologelwa ba-tswa sethabelo ba ba neng ba lwela kgololesego ya bana kwa South Africa.

Rre Matsaunyane a re maikaelelo e ne ele go sekaseka maiteko le kgatelo pele e e dirilweng ke puso le ba-na-le seabe mabapi le go rotloetsa ditshwanelo tsa bana.

A re le fa go santse go le botlhokwa go dira ka thata go rotloetsa ditshwanelo tsa bana ka go farologana, motlhala o a bonala mo mererong ya ditshwanelo tsa thuto, botsogo le tse dingwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Ipelelo ngwana wa Mo-Aferika

Date : 18 Jun 2025