Breaking News

Banna ba tshwerwe ka dirwe tsa tau

17 Jun 2025

Borre ba le babedi ba mo diatleng tsa mapodise go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go fitlhelwa ka letlalo la tau, meno a le mane le maroo a yone.

Mookamela mapodise a Maun, Superintendent Joseph Lepodise a re ba ne ba longwa tsebe ke mongwe ka Matlhatso, mme ba tsibogela pego eo.

A re ba ne ya go phuruphutsha kwa lwapeng la ba belaelwa kwa kgotleng ya Thito mo Maun, mme ba fitlhela dirwe tseo.

Mogolwane wa mapodise, Rre Lepodise a re borre bao ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le boferabobedi le masome a mabedi le borataro ba thusa ba sepodisi ka dilthotlhomiso go batlisisa gore dirwe tseo ba di tsaya kae.

A re fa babelaelwa ba ka bonwa molato, ba ka lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka dirwe tsa diphologolo, mme ba ka atlholelwa kgolegelo ya dingwaga tse tlhano kana ba duedisiwa madi a a kana ka P5 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 17 Jun 2025