Breaking News

Dikoloti o akgola ba Lejwana le Magoriapitse

17 Jun 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope/Mmathethe, e bile e le Mothusa Tona wa Lefatshe le Temo-Thuo, Dr Edwin Dikoloti o akgoletse banni ba Lejwana le Magoriapitse go bo ba bone go le botlhokwa gore ba phunye didiba.

O buile mafoko ao ka Mosupologo fa a bula semmuso didiba tsa metse eo ka go farologana. 

Dr Dikoloti o supile fa tshwetso e ba e tsereng e le maleba ka jaana ba tlaa kgona go akola mananeo a puso.

Sediba sa Magoriapitse se phuntswe ka madi a a kanang ka P250 000 fa sa Lejwana sone se dirilwe ka P230 000. 

Madi ao ke a a abelwang metse a ditlhabololo.

“Motlha o gorogile jaanong wa gore lo simolole go akola mananeo ka gore nako e ntsi le ntse lo paledisiwa ke gore gone go sena kwa le tsayang metsi teng,” ga bolela Dr Dikoloti.

Dr Dikoloti o kopile banni gore ba simolole go tla ka meakanya ya gore kwa ntle ga go nosa leruo, ba ka dira eng gape se se ka ba solegelang molemo.

A re mananeo a mantsi mme ba tshwanetse go tshwaragana le gone go utlwana gore sengwe le sengwe se tsamae ka thelelo.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele ya Good Hope, Rre Gofaone Nkwane o kopile banni ba metse eo gore ba dirisanye sentle.

O tlhalositse gore ba leke thata go ikgapha mo tsheleng ka seo se ka dira gore didiba tseo di se ka tsa ba solegela molemo.

Rre Nkwane o kopile gape gore didiba di tlhokomelwe segolo jang mo magodung.

Banni le bone ba solofeditse gore ba tlaa leka ka bojotlhe gore ba berekisane sentle gore ba bone maungo a didiba tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Magoriapitse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jun 2025