Breaking News

Letlhoko la ditsha le baka dikgotlhang

17 Jun 2025

Banni ba metse ya kgaolo ya Tswapong Bokone ba kopile lekgotla la kabo ditsha la Palapye go tsibogela go ba abela ditsha tse ba saleng ba di kopile dingwaga tse dintsi tse di fetileng.

Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla, tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, Rre Prince Maele.

Kgosi Dikakanyo Otukile wa Malaka a re seemo sa go bewa ga ditsha ga se itumedise ka go setse go na le dingwaga di ka feta lesome le botlhano go sa bewe masimo le ditsha tsa bonno, mme a kopa ba kabo ditsha go tsibogela go ba abela ditsha.

Rre Sithole Mahamba wa Malaka o ne a dumelana le mafoko a ga kgosi, a supa fa ba tswa kgakala ba lela ka ditsha.

A re o setse a le motona mme ga a na setsha. 

O ikuetse mo pusong go bona gore ba ba sa bolong go isa kopo ya ditsha ba abelwe ditsha ka bofefo jo bo kgonagalang ka letlhoko la ditsha, le felela le dira gore bangwe ba nne le dikakanyo tsa go ipaya, ba bo ba felela ba bonwa molato ntswa go ne go sena se ba ka se itirang.

Rre Maele o ne a tshepisa banni fa a tlaa kopa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha go ba lekola.

O supile fa e ne ya re ba ipapaletsa ditlhopho, ba dira ditsholofetso tse mo nakong eno ba leng mo lebelong la go di diragatsa fa dingwe ba di kgonne.

A re mo nakong eno tsholofetso ya go neela baithuti mesangwana e setse e simolotswe ebile e gorogile kwa dikoleng tse dintsi tsa kgaolo ya gagwe.

Rre Maele a re puso e santse e itsetsepetse mo ditsholofetsong tse e neng ya di dira ka ipapatso mme Batswana ba seka ba fela pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jun 2025