Ba kopa puso go ba sekegela tsebe
17 Jun 2025
Ba buile se mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa Kodibelong bosheng ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go tsaya maikutlo le matshwenyego a Basarwa kwa metseng e ba nnang kwa go yone morago ga go fudusiwa kwa mafelong a bone a tlholego go ba atumetsa ditlamelo.
Moemedi wa morafe oo, kwa Kodibeleng, Rre Ofentse Mosime a re ditshwanelo tsa bone di a gatakwa ka ba tserwe kwa ba neng ba nna teng ka ditsholofetso tsa ditlamelo tse di botoka di tshwana dikole, matlo, leruo, metsi le tse dingwe tse di tlhokwang ke motho go tshela.
A re ditsholofetso tse e ne e le dijo tsa ditoro fela.
“Re a lela, ga re tshele sentle mme ebile go ne go le botoka re boetse kwa re neng re le teng,” ga bua Rre Mosime.
O kopile gore ba busediwe lefatshe la bone ka ba dumalana ka bongwefela jwa pelo le ba ga bone gore keletso ke go boela kwa ba tserweng teng ba sa tshwenngwe ke sepe mme ebile ba sena letlhoko lepe.
Rre Mosime a re ba na le kitso e ntsi ka tikologo e ba tserweng kwa go yone mme ebile e na le dijo le metsi tse gompieno di tswaletsweng ka diterata tsa dipolasi le didiba di phuntswe fa ba neng ba ikepela teng go kgona go bona metsi.
“O tsweletse ka go supa fa e le morafe o o boi mme ba tsisitswe fa gare ga batho ba ba sa ba amogelang. A re ba eletsa go ka nna le kgotla ya bone le kgosi gore ba kgone go ipua botoka.
Rre Mosime a re bana ba bone ba tshabelelwa ke go bowa kwa dikoleng ka lobaka la go kgethololwa le go tsewa ka letsogo la molema.
Moemedi yoo a re bana ba, ga ba kgone go fetela kwa dikoleng tse dikgolwane ka mabaka a a farologanyeng e se gore ga ba botlhale.
A re dikitso tse ba nang natso di tshwana le tsa diphologolo, ditlhare le tse dingwe di ka tsholetsa lefatshe fela thata fa ba ne ba ka fiwa sebaka,
“Ke lebogela loeto la lona le go tsaya nako ya lona go tla go re lekola. Re solofela fa e tlaa seke e nne go re kgobokanya fela mme go tlaa fetoga sengwe. Re kopa go sekegelwa tsebe ka tsotlhe tse re di buileng re le fano,”ga kopa jalo Rre Mosime.
Kgosi Goabaone Khukhwane wa Kodibeleng a re ke lantlha ba nna le bokopano jwa go tshwana le joo, mme o itumelela gore Tautona a bo a bone go le maleba go sekegela morafe wa Basarwa tsebe.
A lebogela Tautona go ntsha taelo ya gore Rre Pitseng Gaoberekwe a fitlhwe kwa CKGR a sa bolo go nna mo setsidifatsing dingwaga morago ga gore morafe oo o fudusiwe koo ka lepotlapotla.
Kgosi Khukhwane o supile fa a itemogetse gore morafe wa Basarwa o tsewa ka letsogo la molema mo motseng wa gagwe le e e mabapi ka ba sa tlholege mo Kodibeleng mme ba tserwe kwa metseng ka go farologana e ba neng ba nna kwa go yone mo kgaolong.
A re ga ba bone ditshwanelo jaaka ba ne ba solofeditswe mme ebile ba sotlega go gaisa ba metse e mengwe e e mabapi.
Kgosi Khukhwane a re o lebogela Tautona go itebaganya le go lwela ditshwanelo tsa batho mme tsholofelo e le gore seemo se tlaa fetoga gore le bone ba kgone go tshela ka ledula le thokgamo.
Fa a rola moono wa loeto le, Mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Mme Gabatlotlane Mogapi o buile fa a romilwe jaana a na le maphata ka go farologana go tla go reetsa matshwenyego a Basarwa ba Kodibeleng ka ditshekatsheko di supile fa morafe o, ditshwanelo tsa one di tshwanelwa ke go potlakelwa.
O tsweletse ka gore ba tsamaya le lefatshe leno lotlhe ka bophara go lekola le go tsena mo dipuisanyong le Basarwa go tseela Tautona Advocate Duma Boko ditlholwa ka dikgang tsotlhe tse ba sa di itumeleleng.
Mme Mogapi a re se se botlhokwa ke go baakanya se se senyegileng ka go bona gore a melao ya Botswana ga e ba gatelele, mme ebile ga e gatake ditshwanelo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Kodibeleng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Jun 2025