Breaking News

Ba ngongorega ka tiego ya kabo ditsha

17 Jun 2025

Basarwa ba Sehunou le Mabuo mo kgaolong ya Serowe borwa ba ikuetse mo pusong go ba thusa ka ditsha tsa bonno le tsa masimo go tlhabolola matshelo a bone.

Ba re e rile ba fudusiwa ba boleletswe fa ba tlaa fiwa ditsha tsa bonno le masimo mme lekgotla la kabo ditsha la Serowe le maoto a tshupa go ba thusa ka ditsha.

Ba buile jalo bosheng fa ba arogana dikgang  le lekoko le le le rumilweng ke Tautona go tsamaya ba tsaya matshwenyego a Basarwa kwa mafelong a ba hudusedisetsweng mo go one go latela ditlhabololo.

Mme Godiramang Mohuthana wa Mabuo a re ba nna ba le mosuke mo matlong mo bangwe ba felelang ba robala kwa ntle, ka jalo ba tlhokana go fiwa ditsha.

O boletse fa mo ditirong ba beile fela mo lenaneong la Ipelegeng le le sa ba lekaneng ka dipalo.

 Mme Mohuthana o tlhaloseditse lekoko fa a setse le dikokomane mme madi a dikatso a Ipelegeng a sa lekana ebile khansele e sa motswe thuso. 

O boletse fa bana ba bone ba tlogela sekole ba siela kwa merakeng le dipolasi go senka botshelo teng ka gore kwa Mabuo go leuba.

Basarwa ba kgaolo eo ba  ne gape ba kopa puso go ba busetsa kwa mafelong a bone a pele.

 Ba re koo, botshelo bo ne bo le botoka ba bapala maungo a naga go na le kwa ba fuduseditsweng teng.

Ba boletse fa letlhoko la ditiro, bongaka le ditlhabololo ka go farologana di ba beile ka fa mosing ntswa ba hudusitswe go latela ditlhabololo di tshwana le tsa botsogo, dikole le mananeo a puso.

Mme Aeshe Tlale yo le ene a tswang kwa Mabuo, a re ba fudusitswe kwa Kgetsi ya Thutwa ba latisiwa ditlhabololo kwa Mabuo mme a re ga ba di bone, a re kwa mafelong a bone a pele, ba ne ba tshela ka maungo a naga jaaka mekapane, metsotsojane, meretlwa, mogorogorwane le dinama tsa diphologolo tsa naga.

 Mme Ompoetse Baregaile o boletse fa ba sena kgosana ya letso la Sesarwa kwa kgotleng ya bone, a tlatsa ka gore ditsheko tsa Basarwa di tsaya lebaka go sekiwa.

Mme Oitsile Gaebe ene o boletse fa bana bangwe ba thusiwa go tsena sekole ke puso, morago ba phuaganngwe ba sa batlelwe ditiro mme ba ne ba solofeditswe mebereko ka ba le kgakala le ditlamelo. 

A re ba ne ba solofetse go le gontsi thata ka ditsholofetso tsa khansele.

Ba Sehunou ba kaile fa ba ne ba hudusiwa go tswa kwa dipolasing tsa Sandvelt le kwa CKGR go latisiwa ditlamelo, mme batsadi ba bone ba ne ba amogiwa di-tsa bone jaaka lefatshe kwa ntle ga dikatso dipe. 

Rre Goilemang Ditshebo o boletse fa le bone ba batla go nna le kemedi kwa ntlong ya dikgosi e le Basarwa. A re letso la bone le a nyelela ka monokela, a re le bana bangwe ga ba itse puo ya Sesarwa.

O boletse fa ba ne ba filwe dipolasi tse pedi gotwe ba tlaa itlhabololela mo go tsone ba itlhamela le mebereko mme polasi e nngwe e tsene ka lenga la seloko.

Mme Gabobofane Maphakwane o kopile gore kokelwana e ba saleng ba e solofeditswe ke puso e dirwe ka gore ba latela bongaka kgakala thata go tswa mo Sehunou ba ya Motshegaletau.

O kopile gore lenaneo la Affirmative Action le le neng le diretswe batho ba ba kgakala le ditlamelo le busetswe ka gore le ne le thusa thata ba fiwa maemo a ntlha fa go thapiwa batho.

O tlhalositse gape gore lenaneo le ba neng ba lema merogo ba tsenyeditswe metsi le phutlhame ka gore ba ne ba kgaolelwa metsi ba palelwa ke go duela sekoloto.

Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Sehunou, Rre Samuel Keaphuthilwe, o ne a bolela fa lenaneo la madi a mapalamente la CCP le ne la ntsha madi a ditiro dingwe mme bontsi di feletse mo phefong di sa wela.

A re ba ne ba na le madirelo a ditena gammogo le kokelwana e e tsamayang (Brick Moulding le Mobile Stop Clinic), mme di eme fela jalo go pala gore di boele mo seemong. 

O boletse gape fa ba sale ba beilwe ditsha bogologolo ka ngwaga wa 2013. 

Basarwa ba re lenaneo la go abelwa leruo, jaaka dikgomo le dipudi, le emisitswe ntswa maikelelo e ne e le go ba ntsha mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jun 2025