Go ema puso nokeng konokono mo go fitlheleleng maitlamo
16 Jun 2025
Batswana ba kopilwe go ema Tautona wa lefatshe leno nokeng ka dithapelo gore tebelopele le dikeletso tse a nang le tsone di atlege.
Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare o kopile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ranaka ka Laboraro.
Mopalamente Gare o ne a tlhalosa gore go pego nngwe e e sa jeseng diwelang go tswa palamenteng ka seemo sa madi, a re pego e, e farologana le dikeletso gammogo le ditsholofetso tsa puso.
Mopalamente Gare a re pego e tlhalosa tlhaelo ya madi ka lebaka la gore teemane ya lefatshe leno ga e sa tlhole e rekwa kwa mebarakeng ya mafatshe, selo se a reng se ema pele maiteko a puso a ditlhabololo.
A re e re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, tumelo ke gore e tlaa re mo tsamaong ya nako jaaka fa lefathe leno le tswelete ka papatso ya diteemane, go direge gore di bone theko mme puso e kgone go direla Batswana.
Le fa go ntse jalo, a re se se botlhokwa mo nakong eno ke gore Batswana ba ithute gore nako ya gore itsholelo ya lefathe leno e bo e beilwe mo teemaneng fela e setse e fetile.
Mo go tse dingwe, mopalamente o kopile morafe le bodiredi jwa puso kwa Ranaka go dirisana mmogo.
A re se se ka rarabolola matshwenyego a morafe ntle le go emela diphuthego tsa kgotla.
A re ka jalo o eletsa gore komiti ya ditlhabololo tsa motse, ofsi ya mopalamnte le ya boipelego di tshwaraganele go rarabolola matshwenyego ka dinako tsotlhe ntle le go emela bagolwane ba puso kgotsa diphuthego tsa kgotla go rola dilelo.
Mo godimo ga moo, mopalamente a re o ikaelela go nonotsha komiti ya ditlhabololo tsa motse, go ba rutuntsha le gone go ba thusa go tlhaloganya ditiro tsa bone.
O tladitse ka go re o lemogile gore mo diphuthegong ka bontsi dikgang tse di tshwanetseng tsa bo di lerilwe kwa komiting ya ditlhabololo tsa motse di sa tsamaya ka tshwanelo kgotsa di tlhaetse kaedi ya komiti.
Go ya ka ene, go diragala jaana ka go bo go lebega go sa tlhaloganyesege ka fa komiti e e tshwanetseng ya bo e bereka le morafe ka teng jaaka e le karolo ya puso.
Ka jalo o kgothaditse ba komiti eo gore ba tsenye marapo dinameng le go tlhaloganya se ba tshwanetseng go se dira go ya ka fa molaong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Ranaka
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2025