Breaking News

Maele o rotloetsa bopelotelele

16 Jun 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o kopile banni ba Mogapi go nna pelotelele tebang le go dirwa ga dingwe ditsholofetso tse puso e di beileng Batswana pele.

Rre Maele o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Mogapi ka Labotlhano, a re puso e dira ka gotlhe go tsosolosa le go aga itsholelo, maikaelelo e le go fa Batswana ba ba nang le bokgoni sebaka sa go nna le seabe go e aga. 

A supa fa keletso e le go nna le itsholelo e e tlaa akolwang ke botlhe.

Ka jalo, Rre Maele a re dingwe ditsholofetso di tlaa nna thari go goroga. 

A re dingwe tsa tsone di akaretsa go tlhabolola tsa botsogo, go tlhama mebereko, go tlhabolola matshelo mo gae, paakanyo ya ditsela le dikole le tse dingwe ka go farologana.

Rre Maele, yo gape e leng tona wa lephata la thuto e kgolwane, a re puso e setse e diragaditse dingwe tsa ditsolofetso, a supa fa mo go tshwanetse ga tsisa tshepo gore puso e na le motlhala.

A re ditsholofetso tseo, tse ebileng di atlegile, ke koketso ya dituelo tsa madi a bagodi, a re le ntswa madi a sa goroga kwa go P1 800, pharologanyo e e dirilweng e a nametsa.

A solofeditse fa dipaakanyo tsa gore phelelong madi a goroge kwa go P 1 800 di tsweletse.

Rre Maele a re tshwetso ya go oketsa madi a baithuti ba ba kwa dikoleng tsa ithutelo diatla le yone ke katlego e e tshwanetseng go galalediwa.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Boago Monnapula wa Mogapi, o supile fa a itumelela ledula le le tsweletseng ka go rena mo motseng wa gagwe, a re se se supa fa ba sepodisi ba tshwere tiro ya bone ka botswapelo.

Go sale foo, o bile a kopa gore kokelwana ya motse e okediwe, a re motse o setse o godile gape meraka e e gaufi le motse, e le lesome le bosupa, e kopa ditlamelo tsa botsogo mo kokelwaneng eo.

Kgosi Monnapula a re seo se dira gore go nne bokete gore morafe o bone dithuso tsa booki tsa boleng jo bo kgatlhisang.

Kgosi Monnapula o ile a kopa gore go dirwe mosele wa kgopo ya metsi a pula fa gare ga motse, a re fa pula e nele go nna selelo sa khuranyo ya meno ka jaana metsi a anama le motse mme go nne dingalo go tsamaya fa gare ga motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Mogapi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2025