Breaking News

Banni ba nyoretswe ditlhabololo

16 Jun 2025

Banni ba Tamasane mo kgaolong ya botlhophi ya Tswapong Bokone, ba supa fa ditlhabololo ka go farologana mo motseng wa bone di tla ka go rotha, selo se ba tlhalositseng fa se sa ba jese diwelang.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, Rre Prince Maele ka Labotlhano.

Mongwe wa banni ba motse oo, Rre Molemane Otsetswe, o kopile puso go oketsa ditlhabololo mo motseng, a supa fa se se ka dira pharologanyo. 

 Ka jalo a re ditlhabololo di ka baya motse mo maemong a a botoka go ngoka babeeletsi, sengwe se a supileng fa se ka solofela banni ba motse molemo ka tlhamo ya mebereko.

Rre Otswetswe o ile gape a supa fa kgaoganyo ya melolwane ya dikgaolo tsa botlhophi e ba baketse ketsaetsego ka jaana go dingalo go ka bona dithuso ka bofefo.

A re pele melolwane e kgaogangwa, Tamasane o ne o wela ka fa tlase ga kgaolo ya botlhophi ya Mmadinare, jaanong o wele ka fa tlase ga Tswapong Bokone.

A re sebe sa phiri ke gore fa ba ya Palapye go ikopela thuso ka dingwe ditirelo, ga ba fiwe thuso e e maleba, ka nako tse dingwe ba bolelelwa gore ba ye go kopa thuso kwa Selebi Phikwe, selo se a supang fa se dira madiadia mo maitekong a banni go itshetsa.

Mme Neelo Mojadi le ene o supile fa kgaoganyo ya melolwane e ba beile ka fa mosing, a re keletso ya gagwe ke gore ba ka bona tlhaloso e e nametsang gore ditirelo tse ba ditlhokang ba di fiwa kae.

Banni ka bontsi ba supile gape fa ba sa itumedisiwe ke gore madi a ditlhabololo a dikgaolo tsa botlhophi a fokotsegile fa e sale ba fudusediwa kwa kgaolong ya Tswapong Bokone.

Ba re go le pele kwa kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, motse wa bone o ne o fiwa P1.1 million jaanong ba filwe sephato sa madi ao, sengwe se ba supang fa se tlaa dia ditlhabololo tse di ka bong di dirwa mo motseng oo.

Ba re go fokotsega ga madi ao go bakilwe ke gore metse e e mo Tswapong Bokone e mentsi go gaisa ya kgaolo ya Mmadinare ka jalo madi a a fiwang metse a le kwa tlase.

Fa a tswa la gagwe, Rre Maele o tlhalositse fa puso e tsweletse ka go rotloetsa go direla dilo mo pontsheng e bile e tlaa tswelela e dira tse di rotloetsang go diragatswa ga ditshwanelo tsa batho.

Rre Maele yo gape e leng tona wa thuto e kgolwane, a re sengwe gape se puso e se tsayang ka tlhwaafalo ke go fa baithuti ba dikole mesangwana ya setswalo, a re se ke go rotloetsa bophepha le pabalesego ka jaana go ne go supa fa bangwe baithuti ba dirisa dilo dingwe tse di neng di baya matshelo le botsogo jwa bone mo diphatseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Tamasane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2025