Batlhokomedi ba kopa go okeletswa dikatso
16 Jun 2025
Modulasetilo wa baithaopi ba ba tlhokomelang balwetsi mo malwapeng mo kgaolong ya Mothamo, Mme Tlotlo Kgotlaetsile o ikuetse mo pusong go ba okeletsa madi a dikatso.
O supile se, fa bane ba kopane le mopalamente wa Serowe borwa, Rre Leepetswe Lesedi ka Labone kwa Thabala, mo kgaolong ya legare.
A re go ka nna botoka fa di tuelo tsa bone di ka lekana le tsa babereki ba Ipelegeng.
Mme Kgotlaetsile a re e le batlhokomedi ba balwetsi ba na le dikgwetlho tse di ntsi mo tirong ya bone.
O tsweletse a supa gore ba na le ditshingwana tsa merogo, mme ga ba na di dirisiwa di tshwana digarawe, dikiriba, diemere le mathombo a a nosetsang.
A re go tlhoka didirisiwa tseo go ba itsa go lemela balwetsi merogo.
A re ba tshwenngwa ke go bo balwetsi ba bangwe ba sena bonno.
Mme Kgotlaetsile o kopile gore ba direlwe thuto seka-dipuisano go re ba tle ba ikgakologelwe ka go lebaka e dirilwe.
A re ba kopa gore ba fiwe mmaboipelego yo o lebaganeng le bone gore fa ba batla sengwe ba ikgolaganye le ene.
O tlhalositse fa ba kopa paka e e feletseng ka gore e ba e filweng ga e a lekana.
Fa a ntsha la gagwe, mopalamente Lesedi o supile fa a itse ka matshwenyego a bone, mme ba tlaa nna ba leka fa ba kgonang teng ka ba thusa batho ba le ba ntsi. O ile a abela baithaopi bao dikobo di le masome mabedi le botlhano.
Mooki mogolo yo o okametseng Mothamo, Mme Motswamasimo Rankgomo a re o leboga boithaopo jwa bone le fa go le dingalo.
A supa gore tiro e ya go tlhokomela balwetsi mo malwapeng ke tiro e e batlang motho yo o lerato e bile a le pelotelele.
Mme Rankgomo a re fa o sa rate tiro e, ga o kake wa e kgona ka gore badiri ba yone ba kopana le diemo tse di thata.
E rile a ntsha malebo, leloko la komiti eo, Mme Nke Kekaletswe, a re ba motlotlo thata go bo mopalamente a kgonne go ba lemoga a bo a ba abela dikobo, a re go tlaa ba tiisa moko go ba kgontshe go ntsha maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 16 Jun 2025