Breaking News

Sepodisi se gagamatsa setoropo

16 Jun 2025

Mapodisi ba itomile molomo wa tlase go lwantsha kgokgontsho ya bong le go tlhomamisa pabalesego ya setshaba.

Inspector Onkemetse Kwelagobe wa sepodisi sa Botswana, o tlhalositse seo ka Labotlhano kwa Lentsweletau fa a rola pego ya sepodisi ka dikgang tsa twantsho kgokgontsho kwa tshimolodisong beke ya thapelo kgatlhanong le kgonkgontsho ke Tona wa Lephata la Banana le Bong, Mme Lesego Chombo.

Malatsi a merapelo go emisa kgokgontsho a a tlaa tsayang sebaka sa beke, e ikaegile ka setlhogo se se reng: Tshwaragano mo thapelong, popagano kgatlhanong le kgokgontsho.

Fa a latlha bola, Mme Kwelagobe a re sepodisi se leka go lwantsha le go thibela go ditiragalo tse di ka tlhotlheletsang mokgwa ope fela wa kgokgontsho. 

A re maikaelelo a se, ke go sireletsa ba ba ka amiwang ke kgokgontsho, segolo bogolo bomme le bana.

“Mme fa molato o setse o diragetse re tsile ka mananeo a a farologanyeng, a e leng gore re a lebagantse thata le go tsholetsa kana go sireletsa seriti sa ba-tswa setlhabelo,”ga tlhalosa Insp. Kwelagobe.

A re maiteko a sepodisi go lwantsha kgokgontsho a tswa tema ka tomagano le thuso ya setshaba. 

“Re itemogetse re le sepodisi sa Botswana gore ga re kake ra kgona go lwantsha borukutlhi le kgang tsa kgokgontsho ya bong re le nosi,”ga tlhalosa Insp. Kwelagobe.

Ka jalo, Insp. Kwelagobe a re mapodisi a itela mo setshabeng kgapetsakgapetsa. 

“Re kopa gore le nne matlho a rona, nnang maoto, nnang ditsebe tsa rona ka gore borukutlhi le kgokgontsho di diragala mo go rona re le setshaba,” ga tlhalosa Mme Kwelagobe. A re ka ngwaga wa 2018, lefatshe la Botswana le ne la dira dipatlisiso ka dikgang tsa botsalano ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Botswana National Relationship Study,” mme maduo a tsone a supile fa bomme ba le masome a mararo mo lekgolong ba kile ba amiwa ke mokgwa mongwe wa kgokgontsho kana ba kile ba kgokgontshiwa.

Fa e le mo letlhakoreng la borre, a re dipatlisiso tseo di kaile fa borre ba le masome mararo mo lekgolong ba supa fa ba kile ba kgokgontsha bomme.

E rile a itebaganya le dikgang tsa kgokgontsho tsa Lentsweletau, Isnp. Kwelagobe a re go tswa ka ngwaga wa 2023 go fitlha mono ngwaga, motse oo, o tshabelelwa thata ke dikgang tsa matshosetsi a polao, go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, petelelo le go senya dithoto tsa motho yo o tshelang/ratanang le ene ka go di ja ka molelo.

Le fa ba tsweletse ka maiteko a go lwantsha kgokgontsho ya bong, Mme Kwelagobe a re sengwe se se tshwenyang thata e bile se gakatsa dikgang tse ke gore bangwe ba-tswa setlhabelo ba folodisa maiteko a bone ka go tsholola dikgang.

O tsweletse a re mengwe ya melato e e tsweletseng ka go oketsega, ke molato wa go itlhokomolosa tlhokomelo ya bana, tiriso-botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo le gone go otlhaiwa ga bana mo go seng ka fa molaong mo mabakeng mangwe go baka dikgobalo.

O tsweletse a tsibosa setshaba sa Kweneng ka melato e e runyang mme e amana thata le tiriso ya maranyane jaaka megala ya letheka le dibalamakgolo le ya dibaesekopo tse di supang tiriso-botlhaswa ya bana.

Mme Kwelagobe a re melato e e amanang le tiriso ya ditagi tse di ritibatsang maikutlo le yone e tsweletse ka go gola mo kgaolong ya Kweneng.

A re nngwe ya dikgato tse di supang gore sepodisi se mekamekane le go diga mokaloba, e bong kgokgontsho, ke go simolodisa lekalana la bong le tshireletsego ya bana.

“Go na le fa go haphegileng, fa mo-tswa setlhabelo a amogelelwang teng go botsolotswa a le mo sephiring,” ga tlhalosa Insp. Kwelagobe.

A re bosheng, ofisi ya mapodisi e simolodisitse Online Child Sexual Exploitation Desk morago ga go lemoga gore bana ba tsena mo melatong ka ntata ya tiriso ya maranyane. 

Mme Kwelagobe a re ba tlhamile lekalana le le tlhotlhomisang dikgang tsa borukutlhi tse di amanang le tiriso ya maranyane.

O tsweletse a re ofisi tsa sepodisi di dirile botsalano le makalana  a a farologanyeng mo setshabeng jaaka dikereke, botsogo, bagakolodi le ba bangwe jalo jalo, gore botlhe ba nne le karolo mo go lwantsheng kgokgontsho,

Mme Kwelagobe a re ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe e seng fela go tsiboga ka gore o amegile. “Se tshabeng go begela ba sepodisi fa o bona sengwe se diragala kana o belaela gore mongwe, e ka tswa e le wa lesika, mmereki ka wena kgotsa moagisanyi, o diragalelwa ke dikgang tse,” ga tlhalosa Mme Kwelagobe jaaka a baya mhiko mo puisanong ya gagwe le morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Lentsweletau

Event : Tshimolodiso ya malatsi a merapelo

Date : 16 Jun 2025