Mohwasa o kopa tirisano mmogo
15 Jun 2025
Tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa o kopile banni ba Mabule go dirisana sentle le makalana a itshireletso.
Rre Mohwasa a re seo seka dira gore go nne motlhofo go lwantsha bogodu jo bo diregang mo metseng e tshwana le wa Mabule. O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Dr Edwin Dikoloti kwa motseng oo bosheng.
A re e re le ntswa go na le mapodise le masole a a tlhokometseng terata ya molelwane, bogodu bo ntse bo tsweletse, a re seo se dirwa ke gore morafe ga o dirisane sentle le ba itshireletso. O tlhalositse gore ke bone ba ka thusang mapodise go tshwara dilalome tse di utswelang Batswana leruo mme di le rekise kwa Aforika Borwa.
Rre Mohwasa a re le dithoto tsedi sa letlelelweng le ditagi di tsena mo lefatsheng leno ka kgolagano ya Batswana le baagisanyi. A re fa seemo seo, seka ema mme ba bereka le mapodise, ba ka kgona go tshwara dilalome tseo ka gore bana ba mo gae ke bone bo tshoso-e-rweleng. O boleletse morafe gore seemo seo se ne se le kwa metseng ya kgaolo ya Bobirwa mme jaanong se ile tlase ka gore morafe o tshwaragane le makalana a itshireletso go se hema.
Moeteledipele wa lephata la kgomokhumo Senior Assistant Commissioner Harrison Digobe le ene o gakolotse morafe go tlhama mephato gore ba kgone go fenya ntwa ya bogodu. Rre Digobe boletse fa a tlaa netefatsa gore o laletsa mephato ya kwa Bobirwa gore etle go rutuntsha Barolong gore bone ba kgona jang. Dr Dikoloti o ne a abela morafe wa Mabule dikobo di feta lekgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Mabule
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jun 2025