Letamo ga le robatse banni ba Sokwane
15 Jun 2025
Banni ba masimo a Sokwane kwa kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Bokone ba kopile puso go ba baakanyetsa letamo le ba nosang mo go lone.
Banni ba buile se kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Arafat Khan bosheng kwa masimong a Sokwane. Mongwe wa banni, Rre Faniki Bagopi a tlhalositse fa letamo la Sokwane e le lengwe la matamo a bogologolo a a neng a epiwa ka thulaganyo ya puso ka fa tlase ga lephata la temo thuo. A re mo dingwageng tse di kwa morago, letamo leo le ne la thubega ka le ne le katesegile.
Rre Bagopi a re se se bakileng gore letamo leo le katesegele ke gore e rile fa puso e fetsa go le epa, le ne la tlogelwa le ntse jalo le sa direlwe lebotana le fa e le go le agelela ka terata jaaka go a tle go dirwe. A re mo bo gompienong, letamo le tletse seretse ebile le ka nna borai mo leruong ka le le mo seemong se le ka sekeng le dirisiwe. O kaile fa seemo sa letamo se sa ba jese diwelang e le balemi barui ba kgaolo ka jaana ba ikaegile thata ka lone.
Banni ba ne gape ba ikuela ka ditholo tse di ba senyetsang kwa masimong. Mme Mojwadi Dipogiso o kaile fa bontsi jwa balemi ba setse ba tlelwa ke boitlhobogo ka ba sa tswe ka sepe kwa masimong ntateng ya segopa sa ditholo, se se nnang mo makgabaneng mme ka ba tshaba molao, ba felele ba phutha mesobana ya bone ba boele gae.
Banni ba Sokwane ba kopile gore puso e tshele tsela ya Molepolole-Mahetwe-Ditshukudu sekonotere, go fefosa ditirelo ka e ka tlisa ditlhabololo kwa kgaolong. Ba kopile puso gape gore e oketse dipalo tsa badi ba Ipelegeng ka go hirwa batho ba le lesome fela mo palong ya batho e e ka fetang lekgolo. Ba re seo se dira gore batho ba tseye sebaka se se leele ba sa itshwarele ka matsogo.
Mopalamente Khan, o tlhalositse fa maikaelelo a loeto lwa gagwe e le go ba lekola le go ba lebogela go bo ba tlhophile phathi ya UDC go nna yone e tsamaisang puso mme a tlhalosa fa a tlaa ithulaganya gore e re ka Phatwe, a tle go buisa phuthego ya mokatakata go tla go araba matshwenyego otlhe a banni ba kgaolo a na le bodiredi ka go farologana.
Fa a tsibogela kgang ya letamo, mogolwane wa balemisi, Rre Onne Monamisi o tlhalositse fa letamo la Sokwane le le legologolo ebile le thubegile. A re le tshwanetse go baakanngwa mme le tiro ntsi, seemo se ba se begile kwa diofising tse dikgolo kwa Gaborone. A re kgwetlho e e leng teng ke tlhaelo ya madi ka gore dikatakata tse di tshwanetseng go dirisiwa go baakanya letamo di tshwanetse go baakanngwa pele mme bothata e le kgwetlho ya madi. O solofeditse gore e tlaare tsotlhe fa di apara tshiamo, letamo le baakanngwe.
Fa a kgwa banni dikgaba ka matshwenyego a go senyediwa ke ditholo kwa masimong, moemedi go tswa kwa lephateng la diphologolo makgabisa naga, Rre Moses Phutietsile, a tlhalosetsa balemi barui gore molao o a letla gore fa phologolo e gomagometsa go dira tshenyo kgotsa e fitlhelwa e senya kgotsa e fetsa go senya, molemi morui o ka e bolaya mme a tlhaeletse ofisi ya bone ka mogala go ba tsibosa ba bo baka tla go iponela ka matlho ka gore phologolo eo ke ya puso. A re go tlaa tswa mo bodireding gore a ba ka rebolela morafe gore o iphimole dikeledi ka nama ya phologolo eo kgotsa jang.
Mokhanselara wa kgaolo, Mme Ponalo Rannosang o boleletse banni gore go lebega go sena madi a itebagantseng le matamo mme a tlhalosa fa a kopile kwa khanseleng gore matamo a beelwe madi a o ne. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Sokwane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jun 2025