Morafe o batla khamphani e emisa ditirelo
15 Jun 2025
Banni ba Ranaka ba ntshitse matshwenyego mabapi le khamphani ya khwari e e epololang e bile e thuntsha maje gaufi le motse wa bone, ba tlhalosa fa e tsenya matshelo a bone mo diphatseng.
Ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Moshupa/ Manyana Rre Karabo Gare bosheng. Ba ne kopa gore khamphani eo, e emise ditirelo, ba re go tswelela e dira ke go ikgatholosa selelo sa bone.
Mongwe wa banni, Rre Rogers Howell o tlhalositse fa go lebega ditsamaiso tse di tsepameng di ne tsa seka tsa salwa morago fa go dirwa tshekatsheko ya tikologo. Rre Howell o sedimositse gore go tlhalosega fa monni a le mongwe wa Ranaka e le ene fela a neng a le teng ka nako ya tshekatsheko e e neng ya dirwa. A re boleng teng ja motho a le mongwe ga bo a lekana go ka tsaya tshwetso e e amang dipalopalo tsa morafe.
Mme Sadi Ramorwa o gakolotse gore ba ba maleba ba tseye boikarabelo ja tshireletso go agelela lefelo leo, gore bana ba babalesege. O ne a gatelela gore go epolola le go thuntsha mo go tsweletseng go tlogela dikhutli tse di tshwarang metsi, selo se a tlhalositseng fa se le botlhabetsi mo go nweleng ga bana.
Fa a kgwa morafe kgaba, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Moshupa, Rre Prince Segokotlo o ne a itsese morafe fa mong wa khamphani a ne a laelwa go emisa go dira ke lekgotla la kabo ditsha morago ga morafe o sena go ntsha ngongorego. A tlatsa ka gore tshekatsheko ya dingongorego e santse e letilwe. Le fa go ntse jalo, a re ka maswabi ditiro tsa khamphane di tsweletse, ka jaana mong wa yone a ne a isa kgang kwa kgotla tshekelo.
A re ka jalo, ga go sepe se lekgotla la kabo ditsha le ka se dirang go fitlhela kgotla tshekelo e tsaya tshwetso. Mopalamente Gare o ne a kopa morafe go mo neela sebaka sa go batlisisa ka kgang e, mme a tlaa busa phetolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Ranaka
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jun 2025




