Breaking News

Ba Mmamarobole ba tlaa bona tsela

15 Jun 2025

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Arafat Khan o solofeditse banni ba masimo a Mmamarobole gore e tla a re fa tsela e e potologang motse wa Molepolole e e itsegeng ka Molepolole bypass e dirwa, ba kgone go bona tsela mo go tse di tlaa bong di tswa mo tseleng e tona di tsena mo metseng e e mabapi. 

Mopalamente o buile se fa a ne a ile go lekola banni ba masimo a Mmamarobole beke e e fetileng.  Rre Khan a re tsela eo, e tla a dirwa fa madi a sena go nna teng mme ebile moakanya wa yone, o setse o tsene kwa Palamenteng.  Le fa go ntse jalo, Mopalamente o boleletse banni ba kgaolo eo, fa a ne a tsile go ba lekola le go ba lebogela tlhopho.  O ba solofeditse fa e tla a re mo kgweding ya Phatwe morago ga Palamente ya mariga a tle go buisa phuthego e kgolo e mo go yone a tla a ba tlelang ka dikarabo tsotlhe tsa matshwenyego a bone. 

Mopalamente o bile gape a solofetsa banni go tla go tlhola le bone le go ja le bone dijo tsa motshegare ngwaga ono o ya fifing. E re le fa a ne a tlhalosa fa a sa ba tshwarela dikgang tse dintsi, o tshepisitse banni ba kgaolo ya Mmamarobole gore ba nne ka tsholofelo ka jaana puso e tla a diragatsa maitlamo otlhe a ba a tshepisitseng fa ba ipapaletsa ditlhopho.  A re maikaelelo ke gore mo ngwageng o o tlang fa itsholelo e tokafetse bagodi ba latlhelelwe makgolo a mabedi a dipula (P200) mo dikatsong tsa bone tsa madi a bagodi gore ba amogele P1600. 

Rre Khan a re e tla a re fa a tla go buisa phuthego ka kgwedi ya Phatwe a tlhalose gore bagodi ba ba dingwaga tse di masome a marataro ba tlaa bona leng madi a bone a bagodi jaaka puso e solofeditse ga mmogo le Ipelegeng e e tlhabolotsweng ka jaana puso e tshepisitse letseno le le botoka la P2 500 e le dikatso tsa Ipelegeng le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC). 

Fa a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa komiti ya nama o sa tshwere (Action Committee), Mme Tsheru Matlhoame a lebogela loeto la ga Mopalamente a tlhalosa fa e le santlha ba bona mopalamente a ba jetse nala. A re se, ke sekao sa gore Mmamarobole o tla a tswa ka fa legwafeng.  A re ntswa kgaolwana ya bone e ise e tlhomamisiwe go nna motse, e setseng e godile ebile motse o aname mme ke ka moo ba itlhaopileng go dira komiti ya nama o sa tshwere go bona gore go nna le ditlhabololo mo kgaolong ya bone.  A re sebe sa phiri mo kgaolong eo ke bogodu jwa leruo le bogotswana jo jaanong bo atlileng mo motseng wa bone. 

Banni ka go farologana ba ne ba ntsha mafatlha a bone mme se segolo se ba se kopileng ke go bewa ditsha, le go lerelwa ditlhabololo di tshwana tsela, metsi le motlakase. Mongwe wa banni ba kgaolo eo, Rre Modisa Nkonyane, a re kgaolo ya bone e tlhoka dilo di le pedi fela tse e tla a reng fa di dirilwe ditlhabololo tse dingwe di bo di ka dirwa go le motlhofo. Rre Nkonyane a re ba kopa tsela ka ke yone e e tlaa bulelang gore go nne le motlakase le metsi le ditlhabololo tse dingwe. 

A re sa bobedi ba kopa go beelwa kgosana ya ditlhabololo e e itlhophetsweng ke morafe. A re fa puso e ka araba dikopo tse, tsotlhe di ka apara tshiamo. Banni ba Mmamarobole ba ne ba itumeletse loeto la ga Mopalamente mme ebile ba kaya fa jaanong puso e tla a ba rekegela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Mmamarobole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jun 2025