Boipelego ke molemo wa tshenyetso setshaba
12 Jun 2025
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Shima Monageng o rotloeditse setshaba go tsosolosa mowa wa boipelego o lefatshe leno le thaetsweng mo go one.
Rre Monageng o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Labobedi kwa ga Gamodubu. A re setshaba se tshwanetse sa emisa go leba puso gore ke yone fela e ka bonang gore tsotlhe tse di tlhokegang di a dirwa.
“Re tshwanetse gore re busetse mowa le megopolo ya go ipelega. Komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse gore e nne yone komang-ka-nna wa ditlhabololo tsa Gamodubu, e nne komiti e e gaisang tse dingwe. Ba Ipelegeng jaaka go tlwaelesegile gore bone ba a bereka e bo e re ka nako ya maneelo a dikonyana ba bo ba nna ka fa tlase ga ditlhare, go tshwanetse gatwe, nnyaa! mme ba Gamodubu bone ba pharologanyo,” Rre Monageng a kgothatsa.
Mopalamente o supile fa letlhoko la ditlamelo le le kaiwang ke mogokgo wa sekole se se botlana sa ga Gamodubu, Mme Ditsile Ramotlabaki, morafe o tshwanetse o koleke lemmenyana go thusa.
“Re goromente o mosha o go ka tweng o dira melao e mesha o fetola e megologolo. Re a fetoga. Re fetola ka fa re ntseng re dira dilo ka teng,” Rre Monageng a tlhalosa.
A re Tautona Advocate Duma Boko o kgala baeteledipele ba ba sa tseyeng boikarabelo fa seemo se diragala mo matlhong a bone, ba bo ba kopa tharabololo go sele go na le gore ba ka akantshana. A re mopalamente o tshwanetse gore a atumela morafe o o mo tlhophileng gore a tlhaloganye matshwenyego a bone a bo a ba batlela ditharabololo. A re bontsi jwa dikgang ga se tse di ka isiwang kwa palamenteng, mme di ka rarabololwa ka bonako gone foo pele di ka tswela kwa ntle.
Rre Monageng a re bodiredi jwa maphata bo tshwanetse go tlhomamisa gore fa batho ba kopa dithuso ba tswe ba di bone ka gore bodiredi bo thapilwe go lebilwe gore ba tshotse dithuto tse di ka dirang gore fa bothata bo le teng ba bo rarabolole kgotsa fa go sa kgonagale, ba fe batho maele mo go se ba se tlhokang. Rre Monageng o ne gape a bolelela banni ba Gamodubu gore o mo komiting ya Palamente e e lwantshang tshenyetso setshaba.
A re ba tswa bana ba phefo fa ba utlwa ka fa tshenyetso setshaba e ileng magoletsa ka teng, mme a kopa baeteledipele ba maphata go e lwantsha. O file sekai ka motshini wa kwa lefuting la matlakala la Gamodubu Regional Landfill o a reng khansele ya re e mekamekane le kgang ya tshenyetso setshaba mo thekong ya one.
“Khansele re ka re e a leka go baakanya seemo sa kwa lefuting la matlakala. E kile ya reka motshine ya leka go papaitela. Ya boa ya reka o mongwe gotwe o jele P12 million e bile o ka kgona gore o ka baakanya seemo kwa thotobolong. Ke letse ka na le bodiredi jwa khansele ba mpolelela gore motshine oo ba tsieditswe ba rekiseditswe motshine o mogologolo. Go ditsheko jaaka re bua jaana. Ga ba a nna fela ba khansele,” ga bua Rre Monageng.
A re thotobolo ya kwa Gamodubu e nkgela batho ka monko wa leswe, mosi le go oka dintsi tse di ntsi mo motseng, mme go fitlhela khansele e baakanya, ga a kitla a fetogela mafoko a a a beileng palamente pele gore thotobolo e tswalwe fela jaaka le bontsi jwa banni bo batla. Rre Monageng a re tshenyetso setshaba fa gongwe e bakwa ke go tlhoka kelelelo ga bodiredi, a gatelela ka gore o makaditswe ke go bona sekgethenyana sa tsela ya Gamodubu ya ditena gotwe se lopile madi a mantsi. ka tshwarang P4.6 million
“Madi otlhe a tsela fa e feletse e ne e le P6 million mme go setse go duetswe madi a a fetang sephatlho. Ke swabile nko go feta molomo fa ke bona go dirilwe sekgethenyana fela,” ga bua Rre Monageng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Gamodubu
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jun 2025




