Breaking News

Ba kopiwa go dirisa di - tsa tlholego

12 Jun 2025

Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Dr Unity Dow, o kopile banni ba Kgomodiatshaba go dirisa di-tsa tlholego tse motse o nang natso go fetola matshelo a bone.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Kgomodiatshaba ka Mosupologo, Dr Dow o ba rotloeditse go akanya tse di ka ba tlhamelang mebereko fa ba dira dikopo tsa lenaneo la Constituency Community Projects (CCP). A re go botlhokwa go akanya ditiro tse di ka sologelang morafe molemo, tse e tlaa reng mo isagong di bo di ntse di thusa bana ba ba tswang kwa tlase.

Mo go tse dingwe, Dr Dow O rutile banni ka ditsamaiso tsa palamentele le tse ba tshwanetseng ba di solofela mo go ene e le moemedi wa bone. Dr Dow o rotloeditse thata gore ba seka ba baya matshelo a bone mo pusong ka le yone e lebaganwe ke mathata a matona a itsholelo e e yang tlase, mme a supa fa dingwe tsa ditsholofetso tse di dirilweng pele ga ditlhopho di tlaa nna bonya kgotsa di tlaa dirwa fela fa itsholelo e ka tokafala.

Fa ba itekodisa mopalamente banni  ba ikuetse ka go sa tsamaegeng ga tsela e e gokaganyang motse wa bone le e mengwe. Ba tlhalositse fa ba felela ba itlhoboga go ya kwa metseng e e mabapi go latela ditlamelo, mme ba kopa gore tsela e gopiwe gangwe le gape ka dipula di ne tsa e senya. Banni ba ngongoregile gape ka letlhoko la ditiro, ditirelo di tshwana le kokelwana e e belegisang le gore ba a sotlega ka ba nna kwa go senang dipagamo tsa setshaba teng.

Banni ba ngongoregetse bokoa jwa ditirelo tsa ofisi ya kabo ditsha, ebile ba kopa gore lebala la motse wa bone le le gapilweng ke ba kabo ditsha le ba boele. Ba kopile  gore mananeo otlhe a puso e ntsha a tshwana  la Bonno, a atolosediwe kwa go bone, ba supa fa ba emetse ditsholofetso tse puso e di dirileng.

Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tshoganetso Keokilwe, o boletse fa Kgomodiatshaba a na le dikgwetlho tse dintsi ka a le kwa tengnyanateng. A re ba tshabelelwa ke go kgaogelwa ke motlakase ka jalo, sekole se sebotlana se tlhoka generator go tshubela bana ba ba nnang mo sekoleng. Rre Keokilwe a re motse wa bone o tlhoka motlobo wa dibuka, ntlo lehalahala, go shafadiwa ga matlo a boroko a badirelapuos, le thapa modisa dikago kwa diofisi tsa kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Kgomodiatshaba

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jun 2025