Ba Sekhutlane ba ngongoregela kgokgontsho kwa dipolaseng
12 Jun 2025
Banni ba Sekhutlane ba buile ba sa kgwe mathe ka go tlhoka go tsewa sentle ke beng ba dipolasi bangwe kwa Banyana Farms.
Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo Dr Edwin Dikoloti kwa motseng oo ka Labobedi, banni ba supile fa ba sa tsewe sentle ke bahiri ba bone kwa dipolasing tseo. Mokhanselara wa kgaolo Rre Omphile Ramokgajane, o supile fa seemo sa koo se ngomola pelo ka jaana babereki ba sa duelwe sentle. A re e re le ntswa babereki ba nna koo, dikgoro tsa dipolasi di nna hela di lotletswe, selo se a reng se dira gore ba botsogo ba nne le bothata jwa go isa ditlamelo kwa setshabeng se se nnang koo.
Banni ba supile fa e setse e le tlwaelo gore ba bereka go sena diaparo tsa itshireletso. Ba tsweletse ka gore le fa motho a thapiwa, ga go diriwe sepe sa go dumalana ka mokwalo go supa gore motho ke mmereki kwa polasing, ba tlatsa ka gore dikgoro tse di tsamayang fa gare ga dipolasi di nna fela di lotletswe ka jalo go kgoreletsa motsamao.
Mafoko ao a gateletswe ke modulasetilo wa khansele ya Goodhope/ Mmathethe, Rre Gofaone Nkwane yo a reng o bone matlhotlhapelo ao fa a ne a ile koo le Rre Ramokgajane. Fa a ba kgwa kgaba, Mopalamente o tlhalositse fa dikgang tseo di sa siama, mme a tlaa netefatsa gore di a baakanngwa. O supile fa a tlaa biletsa tona wa khiro koo, gore a tle a tsee dingongora sentle le gone gore tharabololo e ka nna eng.
Mo boemong jwa Kgosi, Kgosi Morota Tiro o supile fa seemo sa tsela e e yang kwa Sekhutlane, se sa siama, ka jalo a kopa gore e tshelwe sekonotere. O supile fa dikago tsa kgotla di sa sireletsega ka jaana matlhaba phefo a tsone a sena ditshipi tse di thibelang magotswana. Kgosi Tiro o supile fa go tlhokafala modiri wa sepodisi kwa Sekhutlane ka jaana go tletse bogotswana le bo tlhoka tsebe.
Mopalamente Dikoloti o solofeditse morafe gore o tlaa agela mongwe ka bone ntlo ya bonno go mo fa seriti. O supile fa a tlaa itshwaraganya le bogogi le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba supe mongwe yoo tlaa akolang mpho eo. Ba Botswana Meat Commission ba solofeditse go reka dikhomputara tse go neng go supilwe fa di seo kwa sekoleng le kwa kgotleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Sekhutlane
Event : Phuthego
Date : 12 Jun 2025




