Breaking News

Dipalo tsa banana ba ba sa berekeng di a tshwenya

11 Jun 2025

Mothusa Tona wa Lephata la Molao le Ikago Sesha ya Magolegwa,  yo gape e leng Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mr Augustine Nyatanga a re dipalo tsa banana ba ba mo mebileng di a tshwenya di batla go potlakelwa.

O buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Xhosa kwa Mahalapye, a re motse oo, ga o a tshwanela go itsewe fela ka go nna le kgolegelo e tona fela jaaka go ntse ka nako eno. A re keletso ya morafe ya go nna le ditlhabololo tse ditona jaaka ditsela, madirelo le tse dingwe e ka diragadiwa go na le popagano le tirisanyo mmogo magareng ga morafe, dikgosi, makhanselara le matona a puso.

Rre Nyatanga a re maikalelo a gagwe ke go rotloetsa banni ba kgaolo go nna le mowa wa boipelego ka jaana ba ka kgona go tlhama ditiro fa ba ka ikgolaganya thata le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re komiti e, e santse e tlaa tlhatlhelelwa gore e kgone go itirela letseno la madi, mme ga nna le ditlhabololo tse di ka fokotsang letlhoko la ditiro mo bananeng.

A bua jaana a supa fa ba tshwanetse go dirisa madi a kgaolo ya bone a Constituency Community Project (CCP) a P10 million go ka tsisa ditlhabololo tse di ka tsweledisang koketso ya letseno ka go rekela kgaolo ya bone dikatakata tse di ka thusang go dira ditsela tsa kgaolo ba bo ba bowa ba di hirisetsa khansele.

Mopalamente Rre Nyatanga o tsweletse ka go supa fa ba setse ba kile ba tsenelela merero le lephata la ditogamaano ka lenaneo la ditlhabololo tse kwa go tsone ba dumalaneng gore lenaneno le le tsamaisane le dingwaga tse tlhano tse ba tlaa busang ka tsone. A re ba tlaa boela gape kwa morafeng ka jaana ditlhabololo tse ditona ba batla go bolelelwa ke morafe gore o batla ditlhabololo dife mo motseng wa bone ka ke bone ba itseng gore go tlhokafala eng ka bonako.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa kgotla ya Xhosa, Mme Phemo Goswagang o supile fa komiti ya gagwe e tsere marudi a go itirela le go bereka ka natla go tlhabolola kgotla ya bone. A re ba setse ba ikemetse ka dinao ka go tswa ka ditselana tse di farologanyeng jaaka go hirisa matlo a bonno, mme ba batla go a oketsa ka matlo a boroko a a tsenyang letseno tsatsi le letsatsi e leng Guest House.

A re gore ba fitlhelele moono o, ba tsere tshwetso le Mokhanselara wa kgaolo ya bone Rre Teko Motswaiso go simolodisa kgaisanyo nngwe e e tlaa tshwarwang ngwaga o fela, mme ba solofela fa e tlaa tsenya letseno le le kwa godimo. Mme Goswagang a re mo kgaisanyong e, mofenyi wa ntlha o tlaa ikgapela kgomo, wa bobedi o tlaa gapa podi fa wa boraro a tlaa ikgapela sesupa ditshwantsho tsa motshikinyego kampo segwana sa ditshwantsho.

A re ba lebogela gore tsela e e felelang fa kgotleng e e tsweletseng go dirwa, mme o solofela fa ditselana tsa Xhosa di tlaa tswelela ka go tlamelwa. A tswelela ka go supa fa a solofela gore tsela e e kopanyang kgotla ya Moloko le Xhosa le yone e setse e gopilwe mme e tlaa fediwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Mme Goswagang a tswelela ka go re ba na le lenaneo la go agela kgotla ya Moloko leobo, mme ebile le setse le fedile le tlaabo le bulwa semmuso kamoso, mme se e le nngwe ya tse ba itlotlomatsang ka tsone e le komiti ya ditlhabololo tsa motse.

Fa a kgwa Mme Goswagang kgaba, Rre Motswaiso o supile fa lefifi le tlaa fokotsega go tlaa tsenngwa dipone tse di dirisang marang a letsatsi. A re e ne e le mpho go tswa ditsaleng tsa bone tsa lefatshe la Israel mme di ne tsa abelwa Tautona bosheng. A re dipone tse, di gorogile di le lekgolo le masome a marataro mme go tlaa tsenngwa di le masome a robabobedi mo kgotleng ya Xhosa go simolola ka Mosupologo kgwedi eno e le lesome le borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jun 2025