Puso e itlamile go tokafatsa matshelo - Hunyepa
11 Jun 2025
Puso e itlamile go dira gotlhe go tokafatsa matshelo a Batswana.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Justin Hunyepa a re puso e ikemiseditse go diragatsa boikarabelo jwa go tlamela setshaba ka tse di ka ba fang seriti. Rre Hunyepa yo o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Ramokgwebana ka Mosupologo a re, puso e ikaelela go phatlatsa meamuso le khumo ya lefatshe mo Batswaneng ka tekatekano. O supile fa go fetlha mebereko kwa kgaolong le Botswana ka kakaretso, go tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba le ba-na-le seabe, go tswa ka megopolo ya ditiro tse di ka tlhamang mebereko.
Rre Hunyepa a re keletso ya gagwe ke go bona madi a Constituency Community Projects (CCP) a dirisiwa mo ditirong tse di ka tlhamelang banni ba kgaolo ditiro, mme a ba gwetlha go se tsenye sepolotiki mo mananeong le ditiro tse di lekang go ba tlhabolola. O tlhalositse gape fa puso e setse e kgonne go diragatsa dingwe tsa ditsholofetso tsa yone mo nakong e khutshwane e le mo ofising.
Banni ba Ramokgwebana ba ne ba nna le sebaka sa go rolela mopalamente wa bone matshwenyego, a a akaretsang borukutlhi jo ba boletseng bo sa ba robatse. Fa a gatelela, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Albert Fule o ne a kaya fa ntlha e nngwe e e bakang gore borukutlhi bo bo bo sa laolesege mo motseng, e le go bo mapodisi a le bobotlana mme e bile ba sena koloi ya sepodisi, e e ka ba thusang go tsibogela borutlhi ka nako. O supile fa borukutlhi joo, bo setse bo akaretsa le go utswiwa ga megala ya motlakase.
Rre Fule o tsweletse a kopa gore go agiwe matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Ramoja JSS go sireletsa baithuti ba ba tsenang koo, ba ba tswang kwa Ramokgwebana, Jackalas No 1 le Moroka, mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dirukutlhi.
Mo go tse dingwe, Rre Fule o supile letshwenyego la go tlhoka molemisi le mokenti mo motseng wa bone, a supa fa ba thusiwa ke bodiredi joo go tswa kwa metseng e mengwe, mme e bile ba lebagane le metse e le mmalwa. A re mo godimo ga moo, bodiredi joo ga bona dikoloi mme seo se baka gore fa ba tlhoka thuso ya bone ba seka ba e bona ka nako.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara Ramokgwebana/Jackalas No 1, Rre Morapedi Mafohla o ne a gwetlha batsadi go tsibogela botsogo le kgolo ya bana, ka go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsa botsogo, tse di akaretsanga go kalwa le go fiwa mekento ka go farologana, ka fa go tshwanetseng ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Ramokgwebana
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jun 2025




