Nyangabgwe e isa ditirelo kwa bathong
11 Jun 2025
Kokelo ya Nyangabgwe kwa Francistown e ne e phuthile banni ba toropo eo ka Labobedi, go leka go rarabolola dingongora tse ba nang natso ka tsamaiso ya bone.
Fa a bua kwa Pitsong ya Botsogo kwa kgotleng ya Monarch kwa Francistown, Mookamela Nyangabgwe Dr Ivan Kgetse o tlhalositse fa kokelo eo e leka ka gotlhe go thusa setshaba. Dr Kgetse o kopile banni go nna le boikarabelo ka botsogo jwa bone le baoki go thusa ka lorato le bopelotelele le fa go ba lebanwe ke diemo.
A re baoki ba bolelele balwetse boammaruri ka letlhoko la melemo, ba ba tlhalosetse kwa ba ka bonang melemo teng fa kokelo e sena yone. Dr Kgetse a re gantsi melemo e e seyong kwa Nyangabgwe, e a bo e seyo gape kwa dikokelong tse dingwe.
Mogolwane wa kokelo, Mme Annita Moseki o supile fa maikaelelo a bokopano e le go utlwa se banni ba se tlhokang, go tsaya dikakgelo tse di amang botsogo. A re go lemosegile fa bontsi jwa batho ba na le dingongora ka ditirelo tsa kokelo, mme ba sa itse gore kokelo e, e bereka jang ka jalo go ruta ka ditirelo tsa kokelo go ka thusa go fokotsa dingongorego.
Monni wa Francistown, Mme Olebogeng Tiyapo, o kopile gore bomme ba ba belegisang ba thuse ka lorato le bopelotelele segolo bogolo mo go bomme ba e leng lantlha ba belega. A re borre ba ba belegisang ke bone ba leng lorato e bile ba thusa ka matsetseleko fa bomme ba thusa ka tshakgalo. Mme Tiyapo o kopile gore go nne le dithuto tse di newang bomme ba ba itibolang, ka mokgwa le tsamaiso ya pelegi. Mme Magrat Lejage ene o ne a akgola baoki ba Nyangabgwe, mme a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya melemo kwa kokelong eo.
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignitious Moswaane o ne a kopa banni go itse fa botsogo bo le botlhokwa ebile e le maikarabelo a motho mongwe le mongwe. A re ba inaakanya le itshidilo mmele, go ja dijo tse di babalesegileng le go nna ba etela ba botsogo go ba itekodisa. Rre Moswaane a re seemo sa tlhaelo ya madi se bakile tlhaelo ya melemo le go ama ditirelo tse dingwe tsa botsogo mme puso e leka ka bojotlhe go busetsa dilo mo maemong.
Kokelo ya Nyangabgwe, e ne e rulagantse Botsogo Pitso, go kopana le banni go tsaya megopolo ka fa e ka tokafatsang ka teng ditlamelo tsa botsogo. Banni ba ne ba rutwa ka tsa pelegi ga mmogo lebotsogo jwa bomme, ditlamelo tsa lephata la dikotsi le malwetse a tshoganetso, botsogo jwa legano, go aba madi a mmele le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Pitso
Date : 11 Jun 2025




