Breaking News

Banni ba Shaikarawe ba iteela lekoko legofi

10 Jun 2025

Lekoko le le tlhamilweng ke puso go sekaseka diemo tsa Basarwa tsa botshelo, e le tsela ya go batla methale e e ka tokafatsang  matshelo a bone, le iteetswe legofi ke banni ba Kaputura, Tobera le Shaikarawe kwa kgaolong ya Okavango. 

Le fa thulaganyo eo e le molemo, ba supile fa e diegile ka ba tswa kgakala ba gatelelwa ke puso le melao go tshela ba phuthologile mo mafelong a bone. Fa a rola matshwenyego a banni mo bokopanong jo bo neng bo tshwerwe ka Tshipi, Rre Kotsi Maba o tlhalositse fa puso e sa le e ba beile ka fa mosing go simolola fela ka nako ya fa lefatshe le tsaya boipuso. A re lentswe la bone ga le ise le utlwale gope mme e le bone batho ba ntlha go thibelela mo lefatsheng.

Rre Maba a re go tswa kgakala ba bidiwa ka maina a tshotlo jaaka meratshwana mme a supa fa a na le tsholofelo mo lekokong go fetola se. Rre Maba a re bontsi jwa bana ba mophato wa boraro le wa botlhano bo mo malwapeng ka ntlha ya go tlhoka thotloetso ya go tsweledisa dithuto tsa bone le diphatlha tsa mebereko. O kopile puso go sekaseka gore a bana ba, ba ka se thapiwe kwa dikoleng go ruta bana teme ya Sesarwa kana puso e tle ka lenaneo le le ka ba thusang go felela kwa dikoleng tse dikgolwane gore ba kgone go itshetsa. 

Rre Kelatlhile Moses wa letso la Sesarwa ene a re puso e tshwanetse go ba lemoga e le Basarwa gore ke batho ba tlholegile mo dinokeng ebile ba lemoga fa metsi e le botshelo. A re ba ne ba fudusiwa kwa mafelong ao mme ba isiwa kwa go senang botshelo teng. 

“Khudugo eo e bakile gore re latlhegelwe ke lefatshe le le nonneng, re latlhegelwe ke dikgosi tsa pele le ngwao ya rona e amegile ka re ne re tshela ka diphologolo. Re kopa puso e sekaseka gore a e ka seke ya re neela matlotla a bo rraarona, go bona gore re ka itshetsa jang ka o ne,” Rre Moses a kopa. 

Banni ba Phuduhudu kwa kgaolong ya Bokone Bophirima le bone ba lebogetse lekoko ba re ke sesupo sa gore puso e tlhoafaletse go ba lemoga le go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo. Kgosi Johane Ngwengare wa Phuduhudu, o supile fa motse oo e le makgatlhanelathapong ka go nna merafe e e farologaneng mme ba tshela ka kagiso. Fela jaaka banni ba metse e mengwe, o boletse fa batho ba letso la Sesarwa ba tswa kgakala ba tshelela mo kgobedung mme ba feletse ba ineela ba amogela seemo. A re ba na le tsholofelo ya gore seemo se tlaa fetoga, ba tshele mo letlepung jaaka merafe e mengwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Shaikarawe

Event : Phuthego

Date : 10 Jun 2025