Breaking News

Mapodisi a Sejelo a tlhotlhomisa polao ya monna

10 Jun 2025

Mapodisi a Sejelo kwa Kanye ba tlhotlhomisa leso lwa rre wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le masome a mane le botlhano wa kgotla ya Tsogo kwa Ranaka.

Rre yoo, o fitlhetswe ka dikgobalo tse go belaesegang go dirisitswe sengwe se se bogale go mo gobatsa. Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, tiragalo eo ba e begetswe ke rre mongwe bosigo jwa Matlhatso, a supa fa go na le mongwe yo o gobetseng mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Seventh Day Adventist kwa Kanye. Supt Matlapeng o tlhalositse fa ba bongaka ba ne ba bolela fa a sa tlhole a le mo botshelong ka nako ya fa a goroga.

Supt Matlapeng a re go tshegeditswe mme mongwe wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le boferabongwe ebile e le mokapelo wa moswi, go thusa ba sepodisi ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka gore mmelaelwa o tlaa ipega kwa kgotlatshekelo ya Kanye ka Labobedi. A re setshaba, segolo jang baratani, ba ithute go rarabolola dikgotlhang. Mo tiragalong e nngwe, rre mongwe wa kgotla ya Mathubapula, o thudilwe ke koloi a kgabaganya tsela ka Matlhatso, gaufi le marekisetso a leokwane a Caltex kwa Kanye.

Rre yoo, o ne a ragosediwa kwa Princess Marina Hospital kwa Gaborone mme a tlhokafala letsatsi morago ga go bona kotsi. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se bakileng kotsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 10 Jun 2025