Letlhoko la ditlamelo le dia ditlhabololo
10 Jun 2025
Banni ba Mogapinyana, Kgagodi le Diloro kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba lela ka letlhoko la metsi, motlakase le ditsela kwa ditsheng tse disha.
Ba tlhalositse se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo e bile e le tona wa thuto e kgolwane, Rre Prince Maele ka Labobedi, ba supa fa go le lebaka ba ikuetse ntle le karabo e e kgotsofatsang. Rre Maele o tlhalositse fa go tlhoka go isiwa ditlamelo bogolo jang metsi kwa ditsheng tse e leng go ne di bewang go tshwenya lefatshe ka bophara, mme jaanong nako e gorogile gore ba koporase ya Water Utilities ba fetole ditsamaiso gore batho ba sielwe metsi.
A re puso ya nako eno ke e e tlotlang ditshwanelo tsa setho le go tlhomamisa gore batho ba bona ditlamelo ka fa go tshwanetseng e bile e le ka tekatekano. Rre Maele o kaile fa lefatshe le lebanwe ke letlhoko la madi mme puso e tshwere ka thata go batla metswedi e mengwe e e ka tsenyang madi go tsweledisa ditiro le go isa ditlamelo kwa bathong.
Mo go tsa thuto, Rre Maele o tlhalositse fa lephata la gagwe le itebagantse le go bona gore bana ba bona thuto e e nang le boleng e bile e le maleba gore motho o ka dira tiro. O tlhalositse fa tiro ya diatla e le bogadi bogaufi e bile e ka godisa itsholelo jaaka go supagetse kwa mafatsheng a sele mme go le maleba gore bana ba ba sa kgonang go fetela kwa dikoleng tse dikgolwane, ba inaakanye le dikole tsa thuto ya diatla. Rre Maele a re dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba sa kgonang go fetela kwa dikoleng tse dikgolwane di a tshwenya mme a supa fa dikole tsa ithutelo diatla tse di mo lefatsheng di lekane go tsaya bana ba le 8 000.
Rre Maele o ne gape a rotloetsa batho ba ba nnang ba sa nyalana go inaakanya le mokgatlho wa Re-A-Nyalana ka o thusa ba ba senang ditsompelo go ka nyala. A re mokgatlho wa Re-A-Nyalana o nyadisitse batho ba feta 500 mo kgaolong ya Tswapong Bokone. Rre Maele o itlamile gore o tlaa neela banyalani kgomo mongwe le mongwe le P300 go intlafatsa ka letsatsi la lenyalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mogapinyana
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jun 2025




