Breaking News

Mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi

09 Jun 2025

Monna wa dingwaga tse masome a matlhano le borobabobedi o tshegeditswe ke mapodisi a Selebi Phikwe go thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le go dirisa botlhaswa ngwana wa gagwe wa mosetsana yo o dingwaga tse di lesome le botlhano mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superintendent Makumula Moatlhodi o boleletse fa tiragalo eo e diragatse kwa Mmadinare mme ba e begetswe ke mma ngwana morago ga go fitlhela monna yoo a itseela dikobo ka dikgoka mo ngwaneng.

A re ditlhotlhomiso tsa sepodisi di santse di tsweletse mme di supa fa monna yoo a tswa kgakala a dirisa ngwana yoo botlhaswa, go simolola ngwaga o o fetileng. Superintendent Moatlhodi o supile fa melato ya petelelo le go dirisa bana botlhaswa e tshwenya. 

A re sepodisi se dira ka gotlhe go rarabolola melato e, a tlhalosa fa kotlhao ya molato wa petelelo e le dingwaga tse lesome fa mmelaelwa a sena mogare gape a sa nna dikgoka le go golafatsa motswa setlhabelo.

O tlhalositse fa dingwaga tsa kotlhao di ka isiwa kwa go lesome le botlhano go ya kwa go tse masome a mabedi fa e le gore mmelaelwa o itseetse dikobo ntswa a itse fa a na le mogare. Superintendent Moatlhodi o supa gape fa sepodisi se tlhotlhomisa molato wa polao o o diragetseng kwa merakeng ya Torome gaufi le Mmadinare.

A re monna wa dingwaga tse masome a mabedi le borobabobedi o tshegeditswe ke ba sepodisi go thusa ka ditlhotlhomiso tsa polao ya monna yo o dingwaga di masome a mararo le bobedi.

Superintendent Moatlhodi a re molato o, o tlhagogile morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano. BBOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 09 Jun 2025