Melelwane e tlhoka ditsela tsa boleng-Atamelang
08 Jun 2025
Mothusa tona wa Lephata la ditsela le mafaratlhatlha Rre Keoagile Atamelang a re go botlhokwa gore ditsela tsa melolwane e nne tse di itekanetseng.
O buile jalo fa a le mo leetong kwa kgaolong ya Mahalapye kwa molelwaneng wa Paars-halt a supa fa tsela ya molelwane wa Paars halt e tshwanetse ya tshelwa sekontere ka e golaganya lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa mme e bile e ka fokotsa mosuke kwa molelwaneng wa Martins Drift.
A re maikaelelo a loeto ke go lebelela ditsela tse di a agiwang, tse di agilweng kgotsa tse di mo lenaneong la go gopiwa le tse di sa dirwang sepe gotlhelele.
Mothusa tona a re ditsela tsotlhe di tlhoka gore di lebelelwe le botlhokwa jwa tsone jaaka ba setse ba lemogile gore moono mogolo ke go tsholetsa itsholelo.
Rre Atamelang a re ka nako e, ba tshwanetse go ela tlhoko gore letseno la madi le hakae, a supa gore melelwane e tshwanetse ya nna le ditsela tse tsa bolen jo bo kwa godimo..
A re ba tshwanetse go nna le bokopano mo bogautshwaneng go buisana tlhabololo ya ditsela ba lebile metsamao ya dikoloi le gore ditsela tse di bokgakala bo kae le tsela e kgolwane ya A1.
A tswelela ka go re se sengwe se se tsileng go seka-sekwa ke gore fa tsela e ka tshelwa sekontere diphetogo e ka nna tsa mohuta ofe mme le gore a e ka tsena mo lenaneong la ditlhabololo la NDP12.
Mothusa tona a re le ntswa puso e sena madi, ba lebile tselana nngwe ya go isa ditlhabololo kwa bathong e leng go dirisanya le ba dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi go bereka mmogo go ka diragatsa maitlamo a yone.
Rre Atamelang a re o tla isa kgang ya gore dinako tsa melolwane di fetolwe kwa bagolwaneng ba gagwe ba e seka seke.
A supa fa a tlaa ba kopa gape gore ba seka-sekele mololwane wa Paarshalt gore a o ka se dirisiwe ke ba dikgwebo go letelela diteraka go ka feta tsa fokotsa mosuke kwa melelwaneng e mengwe.
A re se segolo ke go netefatsa gore ditsela di a baakanngwa mme e bile tse dingwe di a agiwa go ka oketsa ditlhabololo mo lefatsheng la Botswana.
Kgosi ya Makwate, Rre Motswaodi Diau o lebogetse mothusa tona go ba lemoga ka go tlhoka ditsela go ba tlhokisitse go akola meamuso sentle ka lobaka.
A re o solofela gore ditsela tsa kgaolo ya bone di tlaa potlakelwa ka jaana ba le gaufi thata le molelwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Parrs halt
Event : Loeto la molelwane
Date : 08 Jun 2025




