A molao wa leruo o seka sekwe
08 Jun 2025
Modulasetilo wa Badisa Kgomo Society, e leng mokgatlho o o nang le dikomiti tsa twantsho borukutlhi jwa leruo di le masome mabedi le boferabobedi mo mafelong a le mmalwa go ralala dikgaolo tsa borwa, Rre Gofamodimo Maibinyana o ikuetse mo pusong go fetola molao wa leruo.
Rre Maibinyana o buile jalo kwa Kanye ka Labone morago ga mogwanto o o neng o itebagantse le go isa mokwalo wa ngongorego kwa go tona wa lephata la Boatlhodi le Kago Sesha ya Magolegwa, Rre Nelson Ramaotwana mabapi le go golela pele ga bogodu jwa leruo. Molaodi wa Kanye Rre Mompoloki Mochanang o ne a amogela mokwalo mo boemong jwa ga tona.
Mo boemong jwa Badisa Kgomo, modulasetilo o ledile ka dikgang di tshwana le ya molao wa leruo gore o siilwe ke nako, ka jalo o tlhoka go tlhabololwa, wa gagamadiwa go itepatepanya le seemo sa bogodu mo nakong eno.
A re molao wa leruo ke one o o gakatsang bogodu jwa leruo, ka go letlelela magodu go ikopela go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo, a re bogolo baikopedi ba ka bo ba neelwa tetla ya go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo ka go lopiwa madi a lekanang le boleng jwa leruo le ba le utswileng.
Rre Maibinyana a re fa molao o ka fetolwa, go ka nna molemo ka o ka emisa go ikopela go leta tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
A re dipalo tsa dikgomo mo lefatsheng leno di amegile thata ka ntata ya bogodu jwa leruo, a tlhalosa fa magodu a jesa Batswana leswe ka gore ba bolaa dikgomo tse di dusang le tse di kentilweng mme e bile ba di bolaela fa go sa babalesegang.
O kaile fa bogodu jwa leruo bo paledisa Batswana go akola mananeo a puso jaaka Thuo Letlotlo le kgwediso ka seatla ka jaana go utswiwa dikgomo tse di dusang go dira matsopa a a rileng, a gatelela fa se se humanegisetsa lefatshe leno kwa pele ka jaana maiteko a puso le setshaba a itaya sefololetse.
A re bogodu ga bo ame itsholelo ya barui le lefatshe fela, mme ke sera le mo botsogong jwa setshaba. O tlhalosistse fa matlalo a leruo le le bolailweng a latlhelwa mo dipetseng tse di nosang setshaba go senya bosupi, a tlatsa ka gore se se felela se kgotlela metsi a a ka fa tlase ga lefatshe.
Modulasetilo o kaile fa bogodu jwa go tlodisa dikgomo terata ya mafudiso le melelwane ya mafatshe e le matshosetsi a magolo ka jaana mafatshe a a mabapi a na le tlhaselo ya bowetse jwa tlhako le molomo.
A re le fa seemo se se gwetlhile makgotla a tswantsho borukutlhi jwa leruo go wa ba tsoga le ba sepodisi le masole seemo sa bogodu se ya magoletsa.
Rre Maibinyana a re matshwenyego a, a gwetlhile Badisa Kgomo Society go kua mokgosi kwa pusong ka dikgang tsa go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga babelaelwa segolo jang ba ba boelelang, ga mmogo le go fudusa badiri ba sepodisi ba ba dirang lebaka le le leele mo mafelong a le mangwe.
Ba ikuetse ka marekisetso a dinama le a dijo tsa mo mebileng, ba re molao wa leruo le nama ya dihutshane ga o letelele gore nama e rekisediwe setshaba e sa tlhatlhobiwa.
Gontse go le jalo, ba kopile maphata a tshwana la Botsogo jwa setshaba, papadi le madirelo, ba melao ya tsamaiso dikgwebo le ba sepodisi go rurifatsa gore nama e e sa tlhatlhobiwang ga e rekisediwe setshaba jaaka molawana o tlhalosa.
Godimo ga moo, ba kopa ba bosekisi go atlhola dikgang tsa bogodu jwa leruo ka nako, go tila go senyega ga bosupi le gone go ipoeletsa mo tshenyong ga magodu a leruo. Ba kopa gape gore lephata la bosekisi (DPP) le tsee dikgetse tsa bogodu jwa leruo go tswa mo sepodising.
Modulasetilo Rre Maibinyana o ngongoregile ka gore maphata mangwe a puso ga a ke a ba kgwa kgaba jaaka ba kile ba ne ba ikuela ka ngwaga wa 2004 ka go gakala ga bogodu jwa leruo, a re go fitlha jaana ga go nko e tswang lemina.
O ne a tswelela ka go supa fa lekgotla le kopa puso go fedisa matlhabelo a dikgomo a ba ba ikemetseng ka nosi ka jaanong a ema nokeng ditiro tsa bogodu jwa leruo.
O kopile gore matlhabelo magolo jaaka a Botswana Meat Commission, Senn Foods le a dikhansele e nne one a tlogelelwang tiro ya matlhabelo.
Fa a amogela mokwalo wa ngongora eo mo boemong jwa ga tona, molaodi wa kgaolo ya Kanye Rre Mochanang o boletse fa kgomo e le teemane mo botshelong jwa motswana.
O ne a ba a solofetsa Barua kgomo gore o tlaa fetisetsa ngongora ya bone kwa go tona, mo go dimo ga moo o ne a tlhalosa fa a tlaa kwalela ba-na-le-seabe ba bangwe ba ba amegang mo kgannyeng e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Mogwanto
Date : 08 Jun 2025







