E tsentse tlhako kgamelong
05 Jun 2025
Banni ba Suping kwa Bokone jwa Molepolole e rile ka Labobedi ba tsena mo mogwantong o o babalesegileng go ya go rolela molaodi wa kgaolo ya Kweneng mokwalo wa dilelo tsa bone tsa dikgang tsa lefatshe.
Banni ba re lekgotla la kabo ditsha la Molepolole le ba tseetse masimo morago ga le sena go itsese morafe gore Molepolole o golela kwa thoteng ya Suping.
Se, se ne sa dira gore go nne le tumalano ya gore bangwe ba banni ba Suping ba neele lekgotla la kabo ditsha lefatshe la bone.
Moeteledipele wa mogwanto, Rre Fredrick Setshwantsho, a re e rile fa lekgotla la kabo ditsha le itela, ba seka ba le fa mokwatla, mme ba dira thulaganyo ya gore a e re fa ba aba lefatshe, lesome mo lekgolong e nne bana ba Suping.
“Re sale re dirile tumalano le lekgotla le le fetileng e seng la gompieno. Re ne re le kwa ofising ya ga Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha kwa Molepolole Sub-Land Board. Jaanong re hakgamalela gore ke eng ba basha ba ikgatholosa tumalano ya rona. Re bona ebile ba setse ba tla ka mokwalo wa gore di-6 le di-9 tsa kgwedi yone e, ba tlaa bo ba aba ditsha ntswa go sena ope ngwana wa Suping mo maineng a ba ba tlaa bong ba bewa,” ga bua jalo Rre Setshwantsho. Rre Setshwantsho a re e rile morafe wa Suping o lemoga gore lekgotla la kabo ditsha le thetse tumalano ya pele motlhaba, ba ikopanya e le banni ba Suping go dira mokwalo wa boikuelo kwa go molaodi Mme Tebogo Bagopi-Mosesanyane.
A re Suping e tlholegile e le le legae, masimo e bile gape e le meraka pele fa go tsewa tshwetso ya gore jaanong Suping ga e sa tlhole e le motse o o ikemetseng, mme jaanong ke kgotlana ya Molepolole. “Dikgomo tsa rona di nna gone kwa, jaanong ka gotwe motse o a gola, ga re itse gore re ya go isa dikgomo tsa rona kae. Nna ebile ke santse nka tabogataboga, ke ipotsa ba e setseng e le batsofe ba sa tlhole ba ka kgona go taboga le kgomo gore bone ba ya go wela kae. Ga re itse gore temo jaanong re ya go e bona kae le yone,” Rre Setshwantsho a tlhalosa.
A re Suping ke motse o matshelo a bone a saleng a tlholega teng mme a re morafe o hutsafadiwa ke gore go lebega jaanong o kare ba lelekiwa mo legaeng la bone go tla ba metse e sele.
Mongwe wa banni, Rre Bathusi Mothusiotsile, a re ka ngwaga wa 2019, lekgotla la kabo ditsha le ne la mo tlhatlhela ka toronko morago ga gore a ngongoregele gore ga a batle ba tsaya masimo a ga bone.
“Gompieno gape ba a re gatalela ba re ba baya batho ba re sa ba itseng mo motseng wa rona. Ba tsere masimo a rona go sena se ba re se neelang. Ke na le dingwaga tse masome mane le borobabobedi, mme ga ke na setsha ke nna kwa ga mme le bangwe ba bagolo mo go nna ba santse ba nna kwa malwapeng a batsadi ba bone,” ga bua jalo Rre Mothusiotsile.
Fa Rre Santa Tlhabane wa ngwaga tse di masome a matlhano le boraro yo le ene a reng o santse a nna kwa ga mme mmaagwe, a re lekgotla la kabo ditsha ga le na nnete.
“Land board e sale e re tseetse masimo e re solofetsa gore e tlaa re baya, gompieno ba re tlhanogetse. Bogolo tlhe fa nne ba re fa masome a mabedi le batlhano mo lekgolong e nne gone ga bana ba Suping,” ga ngongorega Rre Tlhabane.
Rre Tlhabane a re fa e sale lekgotla la kabo ditsha le ba tseela masimo ka 2009, ga go ise go tlhole go bewa ditsha kwa Suping.
A re tumalano ya go tsewa ga masimo ke lekgotla la kabo ditsha ba ne ba dumalana le batsadi kgotsa beng ba masimo gore ba tlaa ya go bewa masimo kwa lefelong lengwe.
Rre Tlhabane a re bontsi jwa batsadi mo nakong eno ba iketse badimong ka jalo lekgotla la kabo ditsha le pala ka go ntsha tumalano eo e le mo mokwalong ka jalo a re ga gona sesupo sa gore ba tsere masimo a batsadi ba bone.
A re e rile ngogola ba ikokoanya e le banni ba Suping ba dira dikopo tsa ditsha tsa bonno ba bo ba ntsha le madi a a kana ka P50 mongwe le mongwe, mme ba isa dikopo tseo tse mo nakong eno ba iseng ba busetswe phetolo ya tsone.
Doreen Zaene a re o dumalana le dikeletso tsa botlhe tsa gore a peo e e solofetsweng ya di-6 le di-9 e name e emisitswe go fitlhelela bana ba Suping ba akarediwa mo teng.
Fa a amogela boikuelo jwa banni ba Suping Mme Bagopi-Mosesanyane o tshepisitse banni gore selelo sa bone se tlaa reediwa, mme a gatalela gore o tlaa kopana le bagolwane ba lekgotla la kabo ditsha gore ba rarabolole kgang mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Suping
Event : Mogwanto
Date : 05 Jun 2025







