Breaking News

O tshwaretswe go tshosetsa go bolaya

05 Jun 2025

Modiriemang Keleleko (37), wa Malatswae, o ne a isiwa fa pele ga ga mmakaseterata One Makhiba wa Serowe ka Laboraro mabapi le go tshosetsa go bolaya Mme One Ramotlase.

Mme Ramotlase ke mmaagwe bana ba bane ba ga Keleleko mme e bile ba nna mmogo.

Lekgotla le boleletswe gore tiragalo e diragatse kgwedi ya Motsheganong e le masome mararo kwa Malatswae.

Keleleko o tlhalositse fa a tlaa ikemela mo tshekong.

Fa a botswa gore ke eng a ka seke a tshegediwe mo toronkong, o ne a bolela mmakaseterata Makhiba gore mmaagwe bana o rata go mmakela molato e bile ga se lantlha a ntse a batla go mo tshwarisa.

O kaile fa e le ene a tlhokomelang bana go na le mmaabone ka gore ene o ba kgokgontsha ka  thupa. 

Motlhotlhomisi wa kgang, Detective Constable Kagelo wa sepodisi sa Serowe, o kopile lekgotla go nama le tshegeditse Keleleko ka  go supafala fa a le borai. 

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse e bile ba batla go lefelo le le sireletsegileng go baya mme yoo le bana. Mmelaelwa o santse a tshegeditswe ke mapodisi mme o tlaa itshupa gape lekgotla kgwedi e e tlang. ENDS

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 05 Jun 2025