Ba Etsha ba lela ka tshenyo ya ditlou kwa masimo
05 Jun 2025
Banni ba Etsha 1 ba ikuetse ka tshenyo e e bakiwang ke ditlou kwa masimong a bone.
Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya bone ya Ngami Rre Philemon Aaron ka Labobedi.
Mongwe wa banni Rre Marovu Jack o tlhalositse fa seemo sa ditlou se tshwenya, mme a re gore se fenngwe, ke fa balemi ba ka thusiwa ka terata ya motlakase go agelela masimo a bone.
Rre Jack o ne a re go a tshwenya go bo balemi ba lema ngwaga le ngwaga mme ba sa tswe ka thobo ka ntlha ya ditlou, e bile a re seemo seo se dira gore batho e nne batlhoki ba ba felelang ba kopa dithuso kwa ofising ya boipelego.
O tsweletse a re setshaba se fiwe teseletso ya go nna le ditlhobolo gore ba kgone go koba ditlou kwa masimong le kwa merakeng.
Monni yo mongwe, Rre Andrias Mathambo, o ne a re dijwalo dingwe di tshwana magapu ga di a tsenngwa mo phimolong dikeledi ya tshenyo ya diphologolo tsa naga le ntswa balemi ba senyegelwa, a re molao oo, o tshwanetse wa baakanngwa. Rre John Movumbura ene o ne a re ba lephata la diphologolo ba tsaya sebaka se seleele go ya go bona tshenyo ya ditlou fa balemi ba sena go bega, mme a re seo se ama dikatso tsa balemi ka bosupi bo a bo bo tlhaela ntateng ya tiego.
Rre Movumbura o tladitse ka gore dituelo tsa phimolo dikeledi di kwa tlase le ntswa ditshenyegelo tsa temo di le kwa godimo.
Fa a bega ka seemo sa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kathiku Nxeku, o ne a re motse wa bone o tshwanetswe ke kokelwana e e nang le pelegi, a re ba sale ba solofeditswe go tsholediwa ga lefelo la bone la botsogo go nna kokelwana mme a re tsholofetso ga e ise e diragadiwe.
O tsweletse a re ba na le baoki ba le babedi ba ba theogelang ka go hapaana ka malatsi mme a re mooki a le nosi o dira ditiro tse dintsi jaaka tlhatlhobo, go fa balwetsi melemo le go tlamela ba ba tlhokang thuso ya potlako.
Mme Nxeku one gape a re go na le tlhaelo ya metsi mo motseng ebile dikgotla dingwe di se na metsi ka gotwe ga di mo moalong wa phatlalatso ya metsi.
Fa a ba ema pele, Mopalamente Rre Aaron o ne a tlhalosetsa morafe fa e le morongwa wa bone, ka jalo a re ba tshwanetse go seegela kwa thoko sepolotiki.
Rre Aaron o ne a re lefatshe le na le mathata a tlhaelo ya madi ka jalo a re maphata a puso a dire tse ba di kgonang ka ditsompelo tse di teng go ntsha maduo.
O ne a re ka madi a dikgaolo, go tlaa agiwa matlo a mabedi mo Etsha 1 le go tshela lekgarapa mo ditseleng dingwe mo motseng ka go le motlhaba thata.
Rre Aaron o ne a re seemo sa botsogo se a tshwenya mo kgaolong ka dikokelwana dingwe le kokelo ya Gumare di se mo seemong se se siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Etsha1
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Jun 2025



