Kereke e abela baithuti ba ba-na-le bogole dimpho
04 Jun 2025
Bomme ba kereke ya UCCSA kwa Serowe ba abetse baithuti ba lekalana la ba-na-le bogole ba sekole se se botlana sa Motetshwane dimpho.
Fa a buisa baithuti le barutabana, Moruti Sanele Dlamini wa UCCSA Serowe o ne a re, lorato ke mpho e kgolo mo go tsotlhe, a rotloetsa barutabana go tswelela ba supa lorato mo baneng, ka seo se ka ba aga se ba dire batho ba ba nang le botho jo bo eletsegang mo setshabeng.
O ne a akgola bomme ba kereke eo go bo ba sa ipona tsapa go supa lorato mo baneng ba ba-na-le bogole.
“A re tlotleng ebile re rateng bangwe ka rona, re supe lorato ka nako tsotlhe, re emise go kgetholola, re nne le bomolemo ka nako tsotlhe, seo se ka re aga, ra kgona go kgola maungo a a molemo a a ka re godisang mo go tsotlhe tse re di dirang” a tshwaela.
Fa a tswa la gagwe, mme Keatlaretse Saseng, morutabana yo mogolwane wa Pre-Vocational; Special Education, o ne a re o itumeletse dimpho go tswa kwa UCCSA, a bolela fa dimpho tseo di tlaa ba tswa thuso kwa lephateng.
O ne a kaya fa dimpho tse di akaretsang melora e e tlhapang le matsela a tlhapang, e e tlhatswang ka mefuta, mesangwana ya setswalo, di itshaso le diiphimolo tsa kwa ntlwaneng di tla ka nako e ba di tlhokang thata e le ba lephata la ba-na-le bogole.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ditlamelo tseo di tlhokega thata ka baithuti ba ba-na-le bogole ba farologana ka letlhoko, a tshwaela fa bangwe ba tlhoka tlamelo e e tsenetseng, ba sa kgone go ka ithusa go dira dilo tse dingwe tsa iphepafatso.
A tswelela ka gore, ba ba tlhokang tlhokomelo ya go nna jalo bontsi jwa nako ba nna le motlhokomedi kgotsa motlamedi go tswa kwa lapeng go thusa go tlamela moithuti.
O ne a supa fa dimpho tse di tlaa tswela baithuti molemo thata ka di tlaa dirisiwa fa go rutwa dithuto tsa ‘Daily living activities’ tse mo go tsone, baithuti ba rutiwang ka go itlhokomela le go tlhokomela tikologo ya bone.
O ne a lebogela maiteko a bomme ba kereke, a bolela fa se ba se dirileng se le segolo ka se tlaa thusa baithuti le barutabana go ka fitlhelela maitlamo a bone.
Mme asaseng o ne a kgothatsa setshaba go tsenya letsogo mo go tse di amang ba-na-le bogole, a gakolola fa ba tlhoka thotloetso, lorato le bopelotelele jo bontsi go atlega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Setilo
Location : Serowe
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 04 Jun 2025







