Morafe o ikopela go bewa ditsha
04 Jun 2025
Tiego ya ditsha, bogodu jwa leruo jo bo kekelang le go tlhabololwa ga ditsela ke dingwe tse banni ba kgaolo ya Moshupa/Manyana, ba ngongoregileng ka tsone mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Karabo Gare ka Labobedi.
Rre Gare o ne a lekodisana le banni ba Sesung, Seherelela le Dintsana.
Banni ba supile fa go tlhoka go bewa ditsha go ba baya ka fa mosing mo mananeong a puso.
Ba supile gape fa go gokelwa metsi mo malapeng go le bonya, fa bangwe ba tlhalositse fa ba sa kgone go duela metsi ka maina a bone a sa tlhagelele mo maranyaneng, selo se ba sa se itumeleleng ka ba supa fa koporase ya metsi e le bofefo go ba kgaolela metsi ka ntlha ya go sa duele. Se, ba kopile gore se tsibogelwe.
Rre Gare, o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a batho mme go se bonolo ka itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase morago ga gore theko ya diteemane e wele tlase mme a ba kopa go nna pelotelele.
O ba gakolotse go ikgolaganya le ene ka thulaganyo ya Botswana Speaks, go mo itsese ka tshotlhe tse di ba amang ebile di tlhoka tharabololo ka bofefo.
A re matshwenyego a bone a tlaa rarabololwa go itebagantswe le molao o o tlhomilweng ke puso.
Rre Gare o ne a abela dikole tse dibotlana dimpho di akaretsa dibuka le mesangwana ya setswalo, e le maiteko a go rotloetsa bana go tsaya dithuto ka tlhoafalo. ENDS
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jun 2025







