Banni ba kopa bobega dikgang jwa puso go ikemela
04 Jun 2025
Banni ba Selebi Phikwe ba tlhalositse fa go le botlhokwa gore bobega dikgang jwa puso bo ikemele ka nosi.
Ba buile jalo ka Mosupologo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng go tswa kwa ofising ya ga Tautona go tsaya megopolo le go sekaseka melao e e leng teng le go tla ka melawana e mesha ya go tsamaisa bobega dikgang botoka.
Mme Malebogo Sejankabo a re bobega dikgang bo tshwanetse go fiwa sebaka sa go dira tiro ya bone ba sa kgopakgopediwe ke sepe.
A re go le gantsi babega dikgang ba bewa ka fa mosing ba tshosediwa matshelo.
A re se, se diragala thata fa ba bega dikgang tse di amang bangwe bagolwane ba puso kgotsa bangwe ba ba tshwereng maemo mo ditirong ka go farologana.
A re sepolotiki le sone se tshwanetse go emisa mokgwa wa go itshuna nko mo dikgannyeng tsa bobega dikgang.
Mme Sejankabo o supile fa ba santse ba tshwenngwa ke babega dikgang ba ba ikemetseng, a tlhalosa fa bontsi jwa nako ba kwala dikgang tse di senang boammaruri mme a tlhalosa fa se, se le borai ka se ka baka dikgotlhang mo setshabeng.
Mme Sejankabo a re, go botlhokwa go lemoga bobega dikgang bo bongwe jo bo dira tiro e ntle thata.
E re go ntse jalo, Mme Sejankabo o ne tlhalosa fa go tshwanetse ga dirwa molao o o sireletsang babega dikgang gore ba dire tiro ya bone ka phuthologo.
Mme Baboloki Modise le ene o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go dirwe komiti ya babega dikgang, kwa ba tlaa kopanang teng go bua matshwenyego a bone, mme a kopa gore mo komiting eo, go akarediwe baruti le dikgosi.
E rile a tswa la gagwe moeteledi wa lekoko le le tsayang megopolo go sekaseka melao e e leng teng le go tla ka melawana e mesha go tsamaisa bobega dikgang Professor Tachilisa Balule o ne a tlhalosa fa bobega dikgang e le karolo ya puso ya batho ka batho mme ba sireleditswe ke molao motheo wa lefatshe.
Professor Balule o ne a re le ntswa babega dikgang ba sireleditswe ke molao motheo, ga ba a tshwanela go gataka ditshwanelo tsa batho e bile ba tshwanetse go ba tsaya ka tekatekano.
O ne a tlhalosa fa megopolo ya banni ba Selebi Phikwe, e tlaa kopangwa le ya dikgaolo tse dingwe mme go tsewe tshwetso e e maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jun 2025


