Breaking News

Tsopye Cluster 6 e ikgethetse sekole

03 Jun 2025

Tshwaragano ya banni ba Tsopye le sekole se sebotlana sa Makaba II kwa Kanye, ke karabo mo selelong sa puso gore thuto ya bana e tshwaraganelwe.

Se se boletswe ke mogokgo wa sekole seo, Rre Dickson Ramagang, fa Tsopye Cluster e ne e abela sekole seo dimpho ka Mosupologo.

Mo boemong jwa baithuti, Rre Ramagang o ne a amogela masome a mabedi a ditlhako, dikausu le madi.

A re e sa le go tswa ka 2018, Tsopye Cluster e abela sekole se ngwaga le ngawaga e le go supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, mme a rotloetsa ba kgotla ya Tsopye le Batswana ka kakaretso, go ema puso nokeng.

Rre Ramagang a re se Tsopye Cluster e se dirileng se maleba ka e le paka ya mariga mme baithuti ga nke ba kgoreletsege go ithuta ntateng ya go tsenwa ke serame.

O supile fa thuto e le boikarabelo jwa motsadi, ngwana le morutabana, botlhe ba tshwaraganetse go ntsha maduo, ka jalo Tsopye Cluster, e eme boemong jwa motsadi mo loetong lwa thuto ya bana ba ba abetsweng.

Rre Ramagang o gakolotse komiti ya batsadi le barutabana go tlhaloganya fa sekole e le sa morafe mme, ba tshwanetse go dira ka natla ba sa leba barutabana fela ka sekole le komiti di tlaa tswelela go ya dikokomaneng.

Kgosi Obusitswe Kgame wa kgotla ya Tsopye o gakolotse banni gore puso e rotloetsa mowa wa bopipelego, go thusanya le go tshwaraganela botshelo go lwantsha letlhoko.

A re keletso ke gore motlha mongwe, ba dire mo go golo jaaka go aga sekole. Leloko la komiti ya bogakolodi le tshidilo maikutlo e bile e le morutabana kwa sekoleng sa Makaba II, Mme Irene Boitumelo, a re dimpho tse di abetsweng bana di ba fa seriti le go nna le maikutlo a a ritibetseng. 

A re gantsi bana ba ba thusiwang ke Tsopye Cluster, ga se ba ba thusiwang ke mmaboipelego le go supega ba na le letlhoko.

O supile fa bana ba, ba tlhoka thotloetso ya paka ya sekole ka dibuka ba di fiwa ke sekole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Jun 2025