Breaking News

Tona o gakolola banni go tsiboga

03 Jun 2025

Mopalamente wa Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang o gakolotse banni ba Ngwapa, Mokobeng le Chadibe go kopa koporase ya metsi go ba fokoletsa dikoloto tsa metsi.

A re lenaneo le, le fa badirisi ba metsi sebaka sa go fokotsa sekoloto sa bone ka sephatlo gore ba kgone go phimola molato.

Dr Gobotswang o gakolotse se, fa a buisa diphuthego tsa baeteledipele ba maphata a puso, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dikomiti tsa metse ka go farologana tsa metse eo.

A re puso e tsere tshwetso ya gore mongwe le mongwe yo o nang le sekoloto sa metsi a fokolediwe gore a kgone go duela mme a gakolola gore ba tsibogele maiteko a a puso.

O ba kopile go rotloletsa batsadi kwa malwapeng gore ba tsiboge thulaganyo e, e e tlaa welang mafelo a kgwedi eno.

A re go setse go na le ba le bantsi ba ba setseng ba akotse thulaganyo e.

O buile gape ka lenaneo la Bonno National Housing Programme, le puso e le simolotseng ka maikaelelo a go thusa Batswana ka matlo a bonno.

A re lenaneo le, le ka thusa banni bogolo jang kwa dikgaolong, kwa bangwe ba senang bonno.

Dr Gobotswang o tlhalositse gore mananeo mangwe a kgona go tla a bo a emisiwe mme fa a le teng, ba a tsibogele gore fa a emisiwa ba bo ba a akotse.

Mo dikakgelong tsa bone, bagokgo ba dikole ka go farologana le baemedi ba lephata la botsogo ba ngongoregile ka dikago tsa dikole, diterata tse di ageletseng dikole le dikago tsa dikokelwana kwa metseng ya bone tse ba supileng fa di tlhoka go baakanngwa, ba tlhalosa fa go na le dingwaga dikago di sa baakanngwe.

Ba re boroko jwa bodiredi le jone bo a tlhaela.

Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa o ne a supa fa ditlhabololo kwa motseng oo di le boutsana, a bo a kopa batsadi go tlhoafalela go tsenya bana mo tseleng.

A re jaaka thupa e emisitswe kwa dikoleng, batsadi ba tshwanetse ba tlhoafale go thusa barutabana go tsenya bana mo tseleng ka bangwe baithuti ba tswa mo tseleng ka ba itse fa thupa e emisitswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Ngwapa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jun 2025