Breaking News

Monna o kwa kokelong morago ga go tlhajwa kwa maitisong

03 Jun 2025

Monna wa dingwaga tse masome a mararo le bone o robaditswe kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole, morago ga gore a tlhabiwe ka sengwe se se bogale ka letsatsi la Tshipi kwa Ditshegwane. 

Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Amos Kekgathetse o tlhalositse fa erile makuku a Tshipi, ba begelwa tiragalo e monna mongwe wa dingwaga tse masome a mane le bobedi, a belaelwang a tlhabile yo mongwe ka sengwe se se bogale morago ga go tlhoka kutlwisisano kwa kgotleng ya Motsamai kwa Ditshegwane. 

Supt Kekgathetse a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bongwe mo mosong kwa lwapeng la motswa-setlhabelo. 

Supt Kekgathetse o tlhalositse fa motswa-setlhabelo a ne a ragosediwa kwa kokelong, fa mmelaelwa a tshegeditswe ke mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso. 

O ne a kopa batho go tlogela go tsamaya ka dilo tse di diphatsha ka ba ka iphitlhela ba gobaditse ba bangwe ka tsone. 

Mo go tse dingwe Supt Kekgathetse o ne a tlhalosa fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go thubilweng bara ya Menyakeng kwa Serinane, ga bo ga utswiwa bojalwa jwa madi a P470 le a P200. 

Supt Kekgathetse o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo Motsheganong a le masome a mararo ka nako ya boroba bobedi mo mosong, ka jaana babereki erile ba theogela ba fitlhela madirelo ao a thubilwe. 

Mogolwane wa mapodisi o ne a kopa beng ba madirelo go thapa badisa-dikago, kana go sireletsa dikgwebo tsa bone ka maranyane (alarms) gore di ba tsibose fa sengwe se tlhagoga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 03 Jun 2025