Mephato e fokotsa bogodu jwa leruo
03 Jun 2025
Mookamela lekalana la sepodisi le le itebagantseng le bogodu jwa leruo, Senior Assistant Commissioner Harrison Digobe, o kgothaditse magosi, baemedi ba barui ba kgaolo ya sepodisi ya Bokone go dira mephato e e lwatshang bogodu jwa leruo.
Senior Assistant Commissioner Digobe o kgothaditse jalo fa a buisa phuthego kwa Palapye ka Labotlhano.
Rre Digobe a re go na le mafelo mangwe a a setseng a dirile mephato, mme go supafala fa e fokotsa borukutlhi jwa bogodu jwa leruo.
A re lekalana la bone le santse le fatlhoga ka jalo le itemogela tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi.
A re le fa gontse jalo, ba leka ka gotlhe go thusa le go ema barui nokeng go lwantsha borukutlhi.
Rre Digobe a re borukutlhi bo ama mongwe le mongwe ka jalo a gwetlha Batswana go ema ka dinao go bo lwantsha.
A re barui ba dirisa madi a mantsi go reka leruo le go le tlhokomela, ka jalo fa le ba latlhegela go ama itsholelo le botsogo jwa bone.
A re magodu a matona a a neng a kgothosa madirelo le tse dingwe ba fudugetse kwa leruong ka go se diphatsa go le bonolo.
Rre Digobe a re dilo tse di gakatsang bogodu jwa leruo ke go tlhoka go tlhatlhela, go tlhoka go tshuba le go tshwaa ka nako gammogo le go latsa leruo le le nosi.
A re nako e ntsi leruo le tsewa bosigo mme fa le sa tlhatlhelwe le utswiwa motlhofo.
Rre Digobe a re barui ba itshekatsheke gore ga ba dire dilo sentle fa kae go sireletsa leruo la bone.
A re barui ba thapa badisa ba ba sa ba itseng ba bo ba sa ba tlhole le go ba duela sentle ka nako.
Rre Digobe o ne a supa fa tshwaragano ya mapodisi le barui e ka thusa go hema borukuthi a tlhalosa gape fa batsadi ba tshwanetse ba lwantsha borukutlhi mo malwapeng.
A tlhalosa gore borukutlhi bo dirwa ke bana ba bone fa gongwe e bile batsadi ba itse e bile ba bona.
O ba rotloeditse go simolodisa lenaneo la mephato kwa dikgaolong tsa bone, mme a solofetsa fa sepodisi se tlaa ba ema nokeng.
Fa a ba amogela Kgosi Ezekiel Bontsi wa Topisi o supile fa thuo e le pinagare ya itsholelo ya Batswana.
Kgosi Bontsi a re bokopano jo bo botlhokwa ka ba tshwentswe ke bogodu jwa leruo.
A re batho ga ba begele mapodisi dikgang tsa borukutlhi mme ba di bona di diragala, ba re ga di ba ame.
Kgosi Gabana Mooketsi go tswa Bobonong a re ba dirile mephato ba tshwaragane le ba mafatshe a Afrika Borwa le Zimbabwe mme ba itemogela maduo.
Kgosi Mooketsi a re mephato e e bereka bosigo le motshegare ba tshwaragane le mapodisi.
A re go botlhokwa gore mephato e nne lefatshe ka bophara, a kopa magosi go dira mephato e, a ba a supa fa e tokafaditse twantsho borukutlhi kwa go bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2025







