Puso e lemoga seabe sa bogosi
02 Jun 2025
Tona wa Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa a re puso e lemoga seabe sa bogosi mo go ageng setshaba le gone go somarela ngwao.
O boletse jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabutsane ka Labotlhano, fa a tlhalosa maikaelelo a go sekaseka molao wa bogosi le o o tsamaisang makgotla a Setswana.
Maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go tsaya megopolo ya morafe ka ditshekatsheko tse di tsweletseng tsa melao kakanyetso eo.
O boletse fa maikaelelo a tiro eo e le go tokafatsa ditsamaiso tse dikgologolo go itepatepanya le tsa segompieno a tlatsa ka gore ditshekatsheko tseo, di tlaa itebaganya le go tlhomagana ga bogosi ka maemo a bone, ditiro tsa bone, seabe sa ba ntlo ya bogosi gammogo le ditharabololo tsa dikgang tsa bogosi, gareng ga tse dingwe.
Rre Motshegwa o ne a tlhalosa gore e re ka jaana puso e itlamile go sireletsa ditshwanelo tsa setho, thulaganyo ya go tsaya megopolo ya Batswana ka tshekatsheko ya molao o o tsamaisang makgotla a Setswana e rotloetsa se.
A re maikaelelo magolo ke go tla ka molao o o netefatsang gore tshiamo e a dirwa mme go sa gatelelwe ditshwanelo tsa ga ope.
Rre Motshegwa o ne a kopa morafe go lebelela ditshetlana tse di farologanyeng tsa molao oo, bogolo jang tse di itebagantseng le ka fa dikgang tsa borukutlhi le dikgotlhang di sekisiwang ka teng mo makgotleng a Setswana.
O ne gape a supa botlhokwa jwa go nonotsha lekgotla la boikuelo la makgotla a Setswana gore le kgone go dira tiro ka manontlhotlho.
Moeteledipele wa lekoko la tshekatsheko melao eo, Kgosi Puso, o ne a iteela kobo moroko a supa fa maikaelelo e le go lebelela melao eo ka bophara go e tokafatsa le go e ntshafatsa gore e kgone go dirisiwa lobaka lo loleleele.
A re go tlhalosa tatelano le maemo a bogosi go botlhokwa ka jaana go itsa ketsaetsego gape go netefatsa gore maemo ao a a tshwana lefatshe ka bophara.
O ne a rotloetsa merafe go kwala ditso tsa bogosi jwa metse ya bone go itsa dikubetsano tse di leng teng mo bogosing gompieno a tlatsa ka gore go dira jalo, go ka somarela seriti sa bogosi ga ba ga bopaganya merafe.
O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore go nne le lekgotla la dikgang tsa bogosi le le ikemetseng go fefosa tharabololo ya dikgang tsa mofuta oo, le gone go imolola maphata a puso.
Mo godimo ga moo, Kgosi Puso o ne a tlhalosa fa ba dumela gore bogosi ga bo a tshwanela go kgotlelwa ke sepolotiki ka jaana tiro ya jone e le go bopaganya morafe.
Fa a ba kgwa dikgaba mo boemong jwa dikgosi tsa kgaolo ya Mabutsane, Kgosi Kemolatoletswe Moalafi o ne a re e re le ntswa ba lebogela gore puso e lemoga seabe sa bone ebile e tlotla morero, ga ba dumalane le ka fa go akanyediwang go dirwa maemo a bone ka teng.
A re go na le gore go tsenngwe maemo a bo moemela kgosi, ba tshwanetse ba bidiwa dikgosi botlhe mme ba farologanngwa ka go tlhatlologana go itsa kgethololo.
“Ke dumela gore mo dikgosing tsotlhe tse di disitseng dithota ebile ba tsere boikarabelo mo merafeng ya bone, botlhe ke dikgosi,” a tlhalosa.
Kgosi Moalafi o kopile gape gore metse e nne le dikgosi di le pedi gore ditirelo di tswelele fa yo mongwe a seyo a tlatsa ka gore go tlhatlosa dikgosi maemo go lebeletswe dipalo tsa batho go baya merafe e mengwe ka fa mosing.
Kwa bofelong, o ne a lebogela mogopolo wa gore go dirwe lekgotla la boikuelo jwa dikgang tsa bogosi, a supa fa dikgang tse di amang bogosi di golela pele.
O ne gape a kgala tsamaiso ya go tlhopha dikgosi, e a reng e diga seriti sa bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : kehumile Moekejo.
Location : Mabutsane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Jun 2025







