Borre ba tlhagisiwa ka bodiphatsa jwa go swa senku
02 Jun 2025
E re ka jaana Setswana se re molemo wa kgang ke go buiwa, borre ba kopilwe go bua ka mathata a ba kopanang le one mo botshelong gore ba tle ba kgone go bona thuso.
Mo bokopanong jwa borre jo bo neng bo dirilwe ke mokgatlho wa borre wa Young Fathers Forum ka matlhatso kwa Molepolole, borre ba ne ba tlhagisiwa ka bodiphatsa jwa go swa senku, ka seo se felela se ba tseisa ditshwetso tse e seng tsone.
Molalediwa wa tlotla Rre Molatlhegi Monjwe a re Molepolole o itsege ka kgokgontsho e e kwa godimo mme e dirwa thata ke borre.
A re ka jalo bokopano jwa mohuta o, bo fa borre sebaka sa go ithuna dinta, go arogana maele go tla ka ditsela tse ba ka di dirisang go fedisa kgokgontsho.
Rre Monjwe a re kgokgontsho e ka fedisiwa fela fa borre ba simolola go tsaya boikarabelo le gone go kopa thuso go sale nako gore dikgang tsa bone di rarabololwe.
O ne a lemotsha borre ka mefuta ya kgokgontsho mo gare ga yone e le kgokgonthso ya maikutlo, go mariwa ka dipuo, kgokgontsho ya madi le ya dititeo.
A re nngwe ya dikgokgontsho tse di kwa godimo mo lefatsheng leno ke kgokgontsho ya dipetelelo mme dipatlisiso go ya ka dipalopalo go tswa kwa go ba NAPHA di supile fa mo go bomme ba le lekgolo, 67 mo go bone ba kile ba kgokgontshiwa mo botshelong, mo go borre ba le 100, 44 mo go bone e supa fa e kile ya kgokgontsha fa bomme ba le 12 go tswa mo go ba le 100 ba supa fa ba kile ba kgokgontsha.
Rre Monjwe a re go supa gore e re ntswa bomme le bone ba kgokgontsha, borre e santse e le bone tshoso e rweleng ka dipalo di supa bone thata.
A re dingwe tse borre ba ka di dirang ke go fetola dingwe tsa ditumelo tsa bone, jaaka mo Setswaneng go itsiwe gore monna ga a lele.
Rre Monjwe a re kgodiso ya bana ba basimane e raya go le go ntsi mo go borre ka e ka jwala kana ya fedisa mowa wa go kgokgontsha.
A re borre ba tshwanetse ba nne le tebelopele mo matshelong a bone mme ba tseye boikarabelo jwa go tlhokomela malwapa a bone ka lorato le bopelotelele.
O ne a supa fa selo se se botlhokwa e le go bua mathata a bone le gone go kopa thuso go sale nako gore ba bone ditharabololo tsa dikgang tseo.
Modulasetilo wa komiti ya borre, Rre Simon Mogale, a re ba itemogetse fa borre ba le bonya go tsibogela dikgang.
A re go goga dinao moo go felela go baka dikgang tse di seng monate ka jaana borre ba le dipelo khutshwane.
Rre Mogale a re ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ka borre ka bontsi ba kgokgontsha bomme, mme a kopa borre go emisa dikgang tseo.
O supile fa fa bontsi jwa borre ba sa tlotle malwapa a bone mme ba dira dilo tse e leng gore dimakatsa setshaba bogolo jang kgang ya go nna le malwapa a mannye ntswa ba tlogetse basadi kwa lwapeng.
A re seo se senya ledula mme e bile se tsise dikgoberego tse di bakang kgokgontsho ya maikutlo le tse dingwe mo matshelong a batho.
Rre Merapelo Karabo, yo e leng mogokoganyi wa Young Fathers Forum, a re maikaelelo a bokopano joo ke go tla ka maele a borre ba ka thusanyang ka one go fedisa kgokgontsho.
A re e ne ya re ka ngwaga wa 2020 a gwethiwa ke go bona tshokolo ya borre bogolo jang ka go ne go lebega go sena kwa ba kopanelang teng go buisana ka dikgang tsa bone.
Rre Karabo a re lekgotla la bone le ne la dirwa go lebilwe gore borre ba ka thusanya jang mo dikgannyeng tsa bone mme lekgotla leo le ba fa sebaka sa go arogana maele, go gakololana le gone go ntsha maikutlo a bone ka kgokgonthso.
E rile a amogela borre mo kgotleng, mothusa kgosi ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi. a supa Setswana se se reng ‘se se thata se kgonwa ke banna’ mme ka jaana dikgang tsa kgokgontsho di le thata, di batla borre.
A re bokopano jo bo botlhokwa thata ka jaana borre ba tlaa nna le sebaka sa go buisana le go kgaogana megopolo gore ba fapogile seporo fa kae e bile ba ya go dira eng go baakanya.
Kgosi Mhaladi a re tsela e Molepolole a buiwang ka teng ga e itumedise le e seng, mme seo se raya borre gore ba dira eng go busetsa motse wa bone mo seemong se se itumedisang.
A re rre mongwe wa motho mosweu o supile fa Molepolole e le motse o o borai go ka etelwa, o salwa morago ke Mogoditshane, o latelwa ke Mahalapye mme e salwe morago ke Old Naledi.
Kgosi a re seo se supa gore go na le mathata a matona ka Molepolole kana Kweneng ka bophara ka kgokgontsho e le yone e bakang dintsho tse di ntsi mo motseng wa bone.
“Fa re tshwaragane re ka kgona mme ebile ke maikarabelo a rona go ema ka dinao go fedisa dilo tse,” Kgosi Mhladi o tlhalositse jalo.
Kgosi o ne a supa fa a ne a tlhophiwa modulasetilo wa komiti kgolo ya twantsho borukhuthi mo kgaolong ya sepodisi sa South Division mme kgang e le gore borukhuthi o kare bo ikganeletse mo kgaolong ya Molepolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Molepolole
Event : Bokopano jwa borre
Date : 02 Jun 2025







