Breaking News

Madi a nonotsa mhama wa dipatlisiso

01 Jun 2025

Mafatshe a Africa a kgothaditswe go nonotsha tshwaragano ya one go godisa mhama wa dipatlisiso segolo jang go itebagantswe le diphetogo tsa sepolotiki, gammogo le malwetse a a runyang mo Afrika. Se se builwe ke mookamedi wa lekalana la Harvard Health Partnership, Dr Joseph Makhema, kwa phuthego ya dikole le makalana a dipatlisiso go tswa mo kgaolong ya Borwa jwa Afrika bosheng mono Gaborone.

Dr Makhema o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le amogetse madi a ‘tsaya tanki’ a tshwara €2.3 million (a a fetang P35.1 million) mme ka jalo a supa go le botlhokwa thata gore seo e seka ya nna boremelelo mo mafatsheng a Afrika, mme a iketleetse go ikgobokanyetsa madi a dipatlisiso ka bo bone.

“Jaaka lefatshe la Amerika le tsweletse ka go emisa dithuso tsa madi, go diphatsa thata mo mhameng wa dipatlisiso, bogolo jang tse di santseng di tsweletse, ka jalo go botlhokwa gore mafatshe a nne le maitlamo go tsweledisa dipatlisiso” ga bua Dr Makhema, a tlatsa ka gore go matshwanedi go nna le seabe sa go ipatlela madi go thusa.

E rile a tlaleletsa, mogolwane wa tsa dipatlisiso, Dr Sikhulile Moyo, o ne a re dipatlisiso di botlhokwa fela thata, a re lefatshe la Botswana le tsweletse pele. Dr Moyo a re batho bangwe ba lefatshe leno ba nnile le go ya dithutong gore lefatshe leno le nne le ditlhamo tsa tsone mo mhameng wa dipatlisiso.

O ne a re bangwe ba ba akotseng ka lenaneo la Trials of Excellence in Southern Africa (TESA) ba dirile dipatlisiso ka ditlhamo tsa bone tse di tsisitseng maduo a a bonalang, a re ba dirile go tlala ka diatla go lwantsha le go laola mogare wa HIV, mme ba tsweletse ba dira ka natla go fedisa mogare wa Hepatitis B.

Mokgatlho wa TESA o thuswa le lekgotla la mafatshefatshe la Europa ka madi ka lenaneo la EDCTP go godisa mhama wa dipatlisiso mo kgaolong ya Africa. Lefatshe la Botswana ke leloko la lekgotla la TESA mme le mo dipaakanyong go nna leloko la EDCTP le le fang TESA dithuso tsa madi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Phuthego

Date : 01 Jun 2025