Breaking News

Moswaane o kopa baratani go nyalana ntle le magadi

01 Jun 2025

Mothusa Tona ya Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignitious Moswaane a re batho ba tshwanetse ba letlelelwa go nyalana, magadi a le teng kgotsa a seyo ka gore go ka tiisa lenyalo le go nonotsha boleng ja lelwapa. Rre Moswaane o boletse fa bontsi ja borre ba palelwa ke go nyala ka ba tlhaelelwa ke magadi le dingwe ditsompelo tse di kopiwang mo lenyalong. 

“Fa o nyetse, o a tlotlwa o nna le seriti, e bile o nna botlhokwa mo setshabeng le Baebele e tlhalosa fa lenyalo le segofadistwe ke Modimo.”

Rre Moswaane o buile jalo kwa letsatsing la lenaneo la Re A Nyalana kwa Dovedale, kwa go neng go nyalana bakapelo ba le lesome le botlhano ka Labone. Banyalani ba ba neng ba ikanisiwa le go nyadisiwa ke molaodi kwa kgotleng, ba tswa mo metseng e e bapileng le Dovedale e akaretsa Setsile, Mokoswane, Kudumatse le Makwate.

Mothusa Tona a re bagolo bangwe ba setse ba tsofetse ba godisitse bana mme go pala go nyala ka ntlha ya go tlhoka ditsompelo mme ba na le keletso e tona ya go batla go nyala. O boletse fa lanyalo e le tshwanelo ya motho ka go atisa lebopo, ka jalo a ba kgothatsa gore ba lebise tsotlhe mo Modimong, ba leme, ba rue ba jese bana ba bone, a re bana ke khumo.

A re fa motho a sena magadi o ka rulaganya le batsadi go nyala, mme o tlaa tlisa kwa morago, a re le fa a tlhaela, batsadi ba seka ba a galala. O rotloeditse banyalani go ratana le go rerisanya ka nako tsotlhe mme ba kgaphele kwa ntle ditlontlokwane tse di buiwang ke batho ka manyalo a bone.

‘Borre, ratang basadi ba lona jaaka le ithata, loeto lwa lenyalo le le telele, le seka la kgaoganngwa ke dipuo tsa batho. Lona bomme, tlotlang banna ba lona mo go feletseng, tlotlo ke lerato le kutlwisisanyo mo lenyalong,” ga bua rre Moswaane.

O ba gakolotse gore ba ipaakanyetse dikgwetlho dingwe le dingwe tse di ka ba tlhagogelang fa ba le mo loetong lwa lenyalo. O ba kgothaditse go dirisa mafoko a a molemo mo lwapeng a a supang lerato ba itumetse le fa ba ngongorega ka sengwe fa ba le mo lwapeng, a re go botlhokwa go lemotshana diphoso. O boletse fa puso e tshwentswe thata ke kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng a banyalani.

Mogokaganyi wa lenaneo la Re A Nyalana, Mme Annah  Morwaagole, o tlhalositse fa ba simolotse ditshekatsheko morago ga go lemoga fa borre ba sa nyale ka bontsi e bile go na le kgang ya go lwelwa dithoto ke ba masika morago ga gore yo mongwe a hulare. Mme Morwaagole a re ba simolotse mokgatlho wa Re ANyalana ka 2011, mme ba o kwadisa semmuso ka 2012, ba ikopanya le balaodi, boipelego, baruti, lekgotla la ditsheko le maphata a a ikemetseng ka nosi.

A re tema e tsweletse sentle thata mo lefatsheng ka bophara a re ba setse ba nyadisitse batho ba le 7 225. A re lenaneo leo le fokoditse kgokgontsho e bangwe ba masika ba rontshang yo mongwe ditshwanelo tsa gagwe le mororo ba di bapetse mmogo. O boletse fa jaaanong diphapang tse di ntseng di beile bangwe ka fa mosing gotwe ga ba a nyalana ka fa molaong e le dilo tsa maloba. O tlhalositse fa lekgotla la bone le lemogilwe ke puso le lekgotla la ditshabatshaba ka go abelwa dietsele go ba tlotla ka tiro e ntle e.

Kgosi Ditodi Namane wa Dovedale o tlhalositse Re A Nyalana e ba imolotse merwalo wa ditsheko tsa batho ba lwela boswa. Kgosi a re fa batho ba sa bolo go ratana ka lobaka ba tshotse bana e bile go na le dithoto dingwe ba di kgobokantse mmogo, fa yo mongwe a hulara, go nna le dikgang ka ba losika ba lwela dithoto le yo o setseng, phelelong mongwe a bo a itswela fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Dovedale

Event : Re A Nyalana

Date : 01 Jun 2025