Mapodisi a mo patlong ya mmelaelwa
31 May 2025
Mapodisi a Lobatse a mo patlong ya mmelaelwa yo o thudileng mme mongwe ka koloi kwa Lobatse bosheng.
Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Lobatse Superintendent Boitshepho Kaisara, a re mapodisi ba ne ba begelwa tiragalo eo ke motsamaya ka dinao mongwe yo a neng a bonela koloi eo a le kgakala e thula mongwe mo tseleng ya Sechele gaufi le marekisetso a Diaboa mo Lobatse.
Rre Kaisara o supile fa mapodisi ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo, mme ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a tlhokafetse. A re moswi, yo o dingwaga tse di masome a marataro, go lebega a ne a tswa maitisong mme ka go tlhoka lesego koloi ya mo thula, fa mokgweetsi wa yone a tsene ka lenga la seloko.
O ne a supa gore mapodisi ba boloditse letsholo ba mo patlong ya mokgweetsi yoo, mme ba mo kopa gore a ipege mo go ba sepodisi ba ba gaufi. A re yo o ka tswang a itse mokgweetsi yoo, kana a belaela sengwe, a ikopanye le ba sepodisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 31 May 2025
Related News
09 Jan 2026
Mapodise ba ganetsa magatwe a Facebook
28 Dec 2025
Monna o fitlhetswe a tlhokafetse kwa Mmathethe
18 Dec 2025
Ba Tsabong ba ikanya thapelo
18 Dec 2025



