Setswalo se tlhoka bophepa
29 May 2025
Basetsana ba kopilwe gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong fa ba tsena mo setswalong ka e le karolo ya matshelo a bone. E rile a bua, Kgosi Bone Gobuamang wa Thamaga o tlhalositse jalo ka letsatsi la segopotso sa setswalo se se phepa kwa kgotleng ya Thamaga maabane.
Ke lantlha lefatshe leno le ipelela letsatsi la mafatshe-fatshe la setswalo se se phepha. Ka jalo, Kgosi Gobuamang a re go bona setswalo ga se matlhabisa ditlhong e bile go sa tshwanela go amoga mosetsana seriti. A re mosetsana yo o tsenang mo setswalong o tshwanetse go ya sekoleng, a tshameke le ba bangwe, a sa boife sepe. O ne a supa fa tlhokomelo e e faphegileng e se kgang ya ba botsogo fela, mme e akaretsa setshaba le ditshwanelo tsa ngwana wa mosetsana le gone go godisa basetsana go nna le maitsetsepelo le kgololesego. A re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba mo ditsompelo di neng di seyo, mme bana ba basetsana ba sokola ka nako ya fa ba bona setswalo.
Kgosi Gobuamang a re nako tse di fetileng basetsana ba ne ba latlha diaparo tsa bone, bangwe ba dirisa dipampiri, fa bangwe ba ne ba tlogela sekole ka lone lebaka leo. Kgosi Gobuamang a re setshaba sena le karolo e e tshwanetseng go e tshameka, mme a rotloetsa batsadi go bua ka tshosologo le bana ba basetsana le basimane ka setswalo. O ne a kgothatsa barutabana go rurifatsa gore dikole di babalesegileng mme e bile di letla gore bana ba basetsana ba seka ba kgethololwa ka lebaka la tlholego.
Kgosi o ne a kopa baeteledipele go gwetlha le go fetola meila e e kgatlhanong le setswalo ka jaana dinako di fetogile mme rotlhe re tshwanetse ra amogela diphetogo tse di ka re isang pele. O ne a kopa borre go tsaya karolo ka go sireletsa basetsana le go ba fa kemonokeng fa ba le mo setswalong. Kgosi Gobuamang a re monnatia ga a tshege ngwana wa mosetsana fa a le mo setswalong mme o mo fa tshireletso le go mo rotloetsa ka nako eo. O ne a kopa babegadikgang ka ba na le seabe se segolo mo go romeleng melaetsa go isa mafoko a kgang e kwa setshabeng le go buisana le ba ba maleba go fetole meila mabapi le setswalo.
Motshwarelela Mokwaledi wa Lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go tswa kwa moding, Mme Mmamiki Kamanakao o ne a leboga puso ka e tsere tshwetso ya go thusa bana ba basetsana ka mesangwana ya bomme gore ba sireletsege ka nako ya setswalo. Mme Kamanakao a re jaaka Tautona Advocate Duma Boko a setse a supile fa puso e tlaa rekela bana ba basetsana mesangwana, lephata le filwe madi a a kanang ka P69 million go simolodisa tiro eo. A re e tlaa re mo bekeng e e tlang kgwedi e rogwa tiro eo, e ye go simolodisiwa semmuso ke Tautona Advocate Boko kwa sekolong se segolwane sa Mogoditshane.
Motshwarelela mokwaledi a re ipelelo eo e botlhokwa ka jaana seo se sega tsela ya go simolola tiro e kgolo e e tla fedisang matlhoki a bana ba basetsana ba ba ntseng ba tsamaya mo go one. Mme Kamanakao o ne a supa fa go le botlhokwa gore dikgang tse di amang setswalo di buiwe go sa fitlhiwe sepe.
A re dipalo di supa fa bontsi jwa bana ba basetsana ba ima ka dipalo tse di kwa godimo mme dikgang tseo ga di begelwe ba molao ka seo se supa gore bana bao ba dirisitswe botlhaswa. O ne a tlatsa ka gore bangwe batsadi ba fitlha boimana jwa bana ba bone mme ntlha nngwe ya bo e le gore bana ga ba a rutiwa ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo go sale nako gore ba itse borai le bodiphatsa jwa tsone ba sale ba botlana.
E rile a a fa maikaelelo a letsatsi, Mme Thapelo Moalusi o ne a supa fa letsatsi leo le diretswe go arogana dikgang tse di amanang le setswalo kana go bona kgwedi ga bomme. A re go botlhokwa gore bana ba basimane ba tlhaloganye kgang e, mme ba seka ba kopana le yone ba setse ba godile. O supile fa bophepha jwa bomme ka nako ya setswalo ke konokono mo botsogong jwa bone BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Thamaga
Event : Segopotso
Date : 29 May 2025







