Bolwetse jwa madi a matona bo a tshwenya
29 May 2025
Bolwetse jwa madi a matona fela jaaka malwetse a mangwe a a sa tshelanweng bo itshupile fa bo le teng e bile bo tshwenya. Se se boletswe ke mothusa mookamela kokelwana ya Moshupa Adventist, Major Charles Nkhwa mo letsholong la botsogo le le neng le itebagantse le go rutuntsha setshaba ka malwetse a a farologaneng segolo jang a a sa tshelanweng kwa kgotleng ya Jerusalema kwa Moshupa ka Mosupologo.
Rre Nkhwa a re go rutuntsha setshaba ka go ba fa dithuto go botlhokwa, ka go supagetse mo matsholong a a fetileng fa go na le dikgetse tsa malwetse a gantsi e leng gone a lemogiwang e le la ntlha mo bathong jaaka bolwetse ja madi a matona le jwa sukiri. O tlhalosisitse fa gantsi bolwetsi jwa madi a matona bo bakiwa ke diemo tse di farologaneg tsa botshelo di tshwana le maikutlo a a kotlometseng, bogodi, go goga motsoko le go nwa bojalwa, kgotsa ka ntlha ya go gotsa mo tshikeng le tse dingwe.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore go na le kgonagalo ya gore motho a tsamae ka bolwetsi mo mmeleng a sa itse mme ka dithulaganyo tse ditshwanang le e, motho o kgona go itse ka bokoa jwa gagwe mme a ithute go dira tse di maleba. O gakolotse setshaba gore go botlhokwa go itse ka botsogo jwa bone, ka jalo a kgothatsa morafe go nne o iketleetsa fa go na le ditiro tse ditshwanang le e.
A re go dira jalo go ka thusa go ka lemoga malwetse go ise go nne thari. O tsweletse ka go gakolola gore fa motho a setse a tshwerwe ka bolwetse jo, go botlhokwa gore a je le go nwa metsi sentle, go dira itshidilo mmele, go itapolosa, go fokotsa nnotagi le go tsaya kalafi jaaka a laetswe gammogo le go bona ngaka ka thulaganyo. O ne a sedimosa fa go na le bangwe ba ba ikgatholosang ditaelo tsa kalafi ya bolwetsi jwa madi a matona ntle le mabaka ape. A re go dira jalo go borai.
Go ya ka mookamela kokelo ya Moshupa Mme Thembi Gaboiphiwe, letsholo le, le kgonne go fitlhelela tlhatlhobo ya malwetsi a a sa tshelanweng ka palo ya batho ba le lekgolo le bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Moshupa
Event : Thuto puisanyo
Date : 29 May 2025







