Ba ngongorega ka tiriso ya lefatshe la mabitla
29 May 2025
Go sa dirise lefatshe la mabitla ka kelelelo go kaiwa fa go baya morafe wa Bangwaketse ka fa mosing mo mabakeng a a tshwanang le go tlhaelelwa ke lefatshe le le ka dirisediwang mabitla.
Se e ne e le nngwe ya dikgang tse morafe o di buileng o sa kgale mathe mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Kanye, Rre Morapedi Kgosithebe maabane. Modulasetilo le lekoko ba ne ba lekodisa morafe ka seemo sa ditiro tsa khansele ga mmogo le go kopa dikakanyo le go itshekatsheka le morafe mo go tse di tlhokang go ka tsibogelwa. O ne a ema morafe pele ka kakanyetso ya go re khansele e rwale tlhokomelo ya mabitla a morafe go akaretsa le go a epa ka jaana go seka ga mabitla mo go itirelwang ke morafe go sa babalele lefatshe.
O ne a tlhalosa fa mabitla a mantsi go ralala motse wa Kanye a setse a tletse e bile go patelesega go seka fa mabitla a masha a ka dirwang teng. A re go na le mabitla mangwe a a tswetsweng kwa Ledubeng mme batho ba tsweletse ka go kopa lefatshe kwa go one, ba supa fa ba bone sekgethe sa lefatshe go ka fitlha mo go sone. Modualsetilo a re se, se raya gore morafe o paletswe ke tlhokomelo ya lefatshe la mabitla.
A re go na le mafelo mangwe kwa Mhiko/ Losabanyana a a supilweng gore a ka dirisiwa, mme a supa fa mapalamente a Kanye a dumelane gore go ka ntshiwa madi a a ka tshwarang didikadike tse pedi le metso e mebedi ya dipula go tswa mo mading a ditlhabololo tsa dikgaolo go baakanya mafelo ao.
Rre Kgosithebe o ne a tlhalosetsa morafe gore le fa gole jalo, ga ba eletse go dira tiro epe go sena tlhomamiso ya gore mafelo ao a siametse go ka dirisediwa mabitla. A re seo se bakiwa ke go bo go lemogilwe fa mabitla a ka kwa Gokojang a le fa go tsitlang metsi fa a ka kwa kerekeng ya Rosc a le mo phateng ya letlapa.
Fa ba neela modulasetilo mhago, bangwe ba ne ba amogana dikakanyo tsa gore morafe le baeteledipele ba sekaseke mogopolo wa go ka tsamaisa mabitla ka mokgwa wa kgwebo. Ba re go dira jalo go tla ka tshiamelo ya go tlhokomelesega ga mabitla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 29 May 2025







