Bapagami ba dithaba ba itlosa bodutu kwa Bikwe
27 May 2025
Legato la bobedi la thulaganyo ya ngwaga le ngwaga ya mosepele wa go pagama thaba wa dikhilomethara tse di masome mabedi kwa Bikwe kwa kgaolong ya Moshupa/ Manyana le tsamaile sentle.
Thulaganyo ee neng e tshwerwe bosheng, e tshologetswe ke barati le barotloetsi ba ba pagamang dithaba go tswa Botswana, Afrika Borwa, Lesotho le Zimbabwe ba ka tshwara makgolo a mane, e le sesupo sa kgolo go tswa mo thulaganyong ya mosepele wa ngogola. Se se tlhalositswe ke morulaganyi wa mosepele wa go palama dithaba kwa Bikwe, Rre Tiro Kganela. O tlhalositse fa naga ya Bikwe e agegile ka fa go leng maleba go ka neela bapagami ba dithaba se ba se tlhokang, a ba a tlatsa ka gore tsela e e dirisiwang ke bapalami ngwaga ono e ralala sekgwa.
O supa fa dipoelo tsa go palama maje ngwaga ono di tlaa thusa itsholelo ya banni ba Bikwe e bile are komiti ya ditlhabololo tsa motse e tlaa kgona go oba letsogo go amogela dikete tse lesome tsa dipula. Lekgotla la balemi le barui ba Manyelanong le tlaa bona madi a a tshwarang dikete tse nne tsa dipula ka jaana tsela ya bapagami e tsamaya mo gare ga masimo le mafudiso a bone. O ne a gatelela fa tiro eo, e rotloetsa itsholelo ya dikgwebo potlana tsa beng gae ka jaana barati le barotloetsi ba gakolotswe go ema bagwebi ba ba botlana nokeng.
E ne ya re go le pele, mopagami yo o itsegeng go tswa Afrika Borwa e bile e le mogokgo wa pele wa Mmadikole kwa Capetown, Professor Mmamokgethi Phakeng, a gwetlha botlhe go hapha ka bojotlhe tsela e ba tlaa tsamayang ka yone, a bolela fa ba le moono mongwe le tikologo. O ne a ba rotloetsa go dira tse ba tlaa tlang ba di gakologelwa jaaka go lomagana thata le tikologo e ba tlaa tsamayang mo go yone.
Go sa le jalo, bangwe ba kaile fa go pagama dithaba go thusa thata botsogo jwa tlhaloganyo e bile go rotloetsa itshidilo mmele. Rre Ishop Mothiba go tswa Afrika Borwa o tlhalositse fa go palama dithaba e le selo se a ratang go se dira. A re go dira jalo go mo tsisetsa pholo, a re le mororo a tshela ka go pagama dithaba, ya Manyelanong e ne e le kgwetlho, mme a re kwa godimo ga yone go rokotsa mathe.
Mme Vainah Mukhamba go tswa kwa Zimbabwe a re o itumeletse go pagama thaba ya Manyelanong kwa Bikwe. O ne a tshwaela ka gore, e re le ntswa go ne go na le dithuso tsa potlako, go tlhokega bakaedi le bathusi ba potlako fa bapagami ba setse ba tsamaya kwa godimo ga thaba go thusa go tlamela fa go tlhokega, selo se a supileng fa se ne se tlhaela mo mhameng o montsi wa mosepele. O tladitse ka gore se ke karolo e barulaganyi ba ka e tokafatsang mo nakong e e tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Bikwe
Event : Potsolotso
Date : 27 May 2025







