Mosele wa pula o epiwa go sa le gale
27 May 2025
Badirelapuso ba e leng maloko a letlole la Botswana Public Officers Pension Fund (BPOPF) ba ba gaufi le go tlogela tiro ba gakolotswe go simolola go ipaakanyetsa botshelo ka go itirela bokamoso jo bo eletsegang ka go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone ba ise ba tlogele tiro ka bogodi.
Mogolwane go tswa mo lekalaneng la MNG Administrator Botswana, Rre Bernard Malepa o buile jalo mo dithuto puisanyong ka Labobedi kwa Tsabong. Maikaelelo a dipuisanyo e ne e le go sidila maikutlo ba ba ipaakanyetsang go tlogela tiro le gone go ba tsibosa ka fa letlole le berekang ka teng le ditsamaiso tsa lone. Rre Malepa o ne a supa fa lekalana la MNG e le lone le tsamaisang letlole la BPOPF e bile le rutuntsha maloko ka botlhokwa jwa lone le tsotlhe tse di tlhokafalang fa ba tlogela tiro ka bogodi.
O ne a ba gakolola go fetola ka fa ba akanyang le ka fa ba dirang dilo ka teng mabapi le tiriso ya madi gore ba tle ba kgone go itlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone mo isagong. Mo dithutong tsa gagwe o ne a ba gakolola fa go le botlhokwa gore ba simolole go ipolokela madi le gone go inaakanya le dikgwebo tse di tlaa ba tsenyetsang madi le morago ga tiro gore ba tle ba kgone go tshela botshelo jo bo botoka. Rre Malepa, yo e leng moitseanape wa tsa ditlhaeletsanyo mo MNG o ne a ba tlhalosetsa fa letlole la BPOPF le simolodisitswe ka 2001 mme e le la badirelapuso ba sennelaruri. O ne a tlhalosetsa phuthego gore maloko a ipolokela five per cent kgwedi le kgwedi fa puso e ba ntshetsa 15 per cent wa letseno la bone go fitlhelela dingwaga tse di masome a marataro tse ba patelesegang go tlogela tiro ka tsone.
Rre Malepa o ne a tlhalosa fa gape molao wa tsa pereko le BPOPF o letla maloko go ka ikgethela go tlogela tiro go simolola ba le dingwaga tse di masome a mane le botlhano mme ditlhopha tseo tsotlhe ba neelwa 50 per cent a le kompa go lebeletswe se ba se ikgobokanyeditseng go ya ka dikamogelo tsa bone tse di farologanyeng tsa kgwedi le kgwedi. O ne a supa fa 50 per cent yo mongwe wa madi a ba a kgobokantseng ba a duelwa mo lobakeng lwa dingwaga tse di lesome kgwedi le kgwedi go fitlhelela dingwaga tse di masome a supa fa ba sa ntse ba le mo botshelong, mme go feta dingwaga tseo letlole le tswelela fela ka dituelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi go fithelela ba tlhokafala.
Rre Malepa o ne a tlhalosetsa maloko gape gore ditshekatsheko tsa dituelo tsa bone di supile gore fa leloko go ka fitlhelwa le tshwanentse go amogela madi a a kwa tlase ga P1 666 ka kgwedi morago ga go tlogela tiro o patelesega go tsaya madi a gagwe otlhe. O ne a tlhalosa gape gore leloko le le amogelang madi a a fetang P4 000 ka kgwedi morago ga go tlogela tiro o tshwanelwa ke go duela lekgetho kgwedi le kgwedi. Rre Malepa o ne a tlhalosetsa maloko a BPOPF fa go le botlhokwa go simolola go itirela lenaneo la ka fa ba dirisang madi kgwedi le kgwedi ka teng ba lebile tse di tlhokafalang mo matshelon a bone a tsatsi le letsatsi di akaretsa metsi,dijo,motlakase le tse dingwe. Rre Malepa o ne a ba rotloetsa go dirisa madi ka fa tshwanelong ka dinako tsotlhe le gone go ipeela kwa thoko madi a makata dimetshe gore mo diemong tsa tshoganetso ba kgone go ithusa ka one.
Rre Tumisang Letsholo yo o itebagantseng le tshidilo maikutlo ya maloko go tswa mo lekalaneng la MNG o ne a rutuntsha maloko ka botlhokwa jwa go itlwaetsa go ithuta go laola maikutlo a bone mo tirisong ya madi. Rre Letsholo o ne a ba ruta maele le maano a go duela dikoloto go simolola mo nakong eno go fitlhelela ba tlogela tiro gore ba seka ba gadima kwa morago mme ba akole go ikhutsa ba phuthologile. Mo dithutong tsa gagwe, Rre Letsholo o ne gape a rotloetsa le go kgothatsa maloko go dira mokwalo wa go kgaoganya boswa go itsa dikgotlhang fa gare ga ba masika le BPOPF fa ba setse ba tlhokafetse.
Mongwe wa maloko yo o tlogelang tiro ka bogodi ka Phukwi, Mme Delenkie Tlhojane o ne a supa fa a setse a amogetse seemo mme dithuto tseo di mo siditse maikutlo le gore o tlaa tswelela a ipaakanyetsa botshelo jo bosha go ya pele. O ne a tlatsa ka go kgothatsa maloko a mangwe go itharabologelwa le go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng gore ba tle ba kgone go akola lobaka lwa bone lwa go ikhutsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Thuto puisanyo
Date : 27 May 2025







