Tiriso ya ditagi e tsweletse ka go tshwenya
26 May 2025
Ditagi di tsweletse ka go bakela batho malwetse a tlhaloganyo.
Detective Sergeant Life Senyatso wa mapodisi a Sir Seretse Khama International Airport mo lekalaneng la mapodisi a e seng a seaparo (CID) le le itebagantseng le go tlhotlhomisa ba ba gwebang ka dirwe tsa diphologolo le dimela, ga mmogo le ditagi tse di seng ka fa molaong, o buile jaana bosheng fa a ne a ruta batsadi le bana ba sekole se sebotlana sa Tlhaakgame kwa Bokaa mo kgaolong ya Kgatleng. Dithuto tse di ne di rulagantswe ke ba lephata la botsogo la khansele ya Kgatleng ka maikaelelo a go rotloetsa botsogo mo baneng ba sa le bannye. Molaetsa mogolo wa letsatsi leo o ne o ikaegile ka setlhogo se se reng; Nna o Tlhagafetse, Eteletsa Botsogo Pele.
Rre Senyatso a re mo malatsing a gompieno mongwe le mongwe o tshwenyega ka fa tiriso ya ditagi e ileng magoletsa ka teng, a tlatsa ka go re go na le batho ba ba tswakanyang dipilisi tse ba di tsayang kwa bongakeng go dira ditagi. A re setlhatshana sa motokwane se di goga kwa pele mo go dirisiweng, ka go sena kwa se seyong teng.
Go ya ka Senior Superintendent Moatlhodi Ntuane yo o okametseng lekalana la NFFI kwa SSKIA, a re mo ngwageng wa 2023, ba gatisitse dikgang tsa badirisi ba motokwane di le 1 034 fa badirisi ba ditagi tse dingwe go gatisitswe ba le 198. Rre Ntuane a re mo ngwageng wa 2024 ba gatisitse dikgang di le 805 tse di amang go fitlhelwa ka motokwane le tse 109 tsa ditagi tse dingwe.
“Go na le tagi e nngwe e ntsha e e tseneng mo bananeng. E bidiwa katse kgotsa methcathinon. E bopi jo bosweu. E a sunediwa. Batho ba ba suneditseng katse ga ba ke ba thulamela ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe. Ke mo re ka reng ke yone bulela ditswe e thusang gore motho wa teng a kgone go ja ditagi tse dingwe jaaka bojalwa a sa lape mme e bile a sa thulamele, ka jalo o nna fela koo a sa tlelwe ke boroko,” ga tlhalosa Rre Senyatso.
Rre Senyatso a re go na gape le tagi e e bidiwang ectasy e gantsi e tlang e le mebala e e galaleng jaaka bosetlha, bosweu, borolwana jalojalo. A re tagi e ke yone e atileng ka go tsenyediwa batho mo dinong, segolo jang kwa maitisong, a atolosa ka gore fa motho a tsenyeditswe pilisi o nna mo maibing a sa kgone go gakologelwa gore go diragetse eng le go tlhokomela gore go tlaa diragalang. O tsweledisitse ka go re tagi ya ectasy ke yone e gantsi e dirisiwang mo bathong ba gantsi ba iphitlhelang ba tseetswe dikobo ka bokukuntshwane.
Rre Senyatso o ne a ruta ka mefuta e mentsi ya ditagi e akaretsa khokheine, mandrax le tse dingwe tse di dirisiwang segolo jang ke banana ba re ba leka go itlosa bodutu kgotsa go itebatsa mathata. A re go ata mo ga go dirisa ditagi go tlhotlheleditse go tlala ga balwetse ba tlhaloganyo kwa Sbrana Mental Hospital kwa Lobatse, a tlatsa ka go re go kgotlhagana mo go kukediwa gape ke letlhoko la mafelo a a faphegileng a a agang ba ba tshwakgotsweng ke ditagi. Rre Senyatso o kaile fa e rile ka 2018 ba melao ba golola bukana ya Elicit Trafficking in Narcotics and Psychotropic Substances e e itebagantseng le dikotlhao tse di lebisiwang badirisi ba ditagi.
“Fa re fitlhela motho a tshotse setlhatshana sa motokwane sa bokete jwa 60g, bukana e e kaya gore o ka atlholwa madi a a sa feteng P20 000 kgotsa kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng boraro kgotsa madi le kgolegelo ka gangwe. Tse dingwe tse ditagi tsone molao o tlhalosa gore ope yo o ka fitlhelwang ka tsone o ka lebisiwa dingwaga tse di magareng ga lesome le batlhano go ya kwa go tse di masome mabedi mme go na le kotlhao ya madi a a sa tshwanelang go feta P1 million,” ga tlhalosa Rre Senyatso.
O kopile bana go ikgapha kwa mafelong a maitiso a nnotagi go itsa go amana le dikgang tsa tiriso ya ditagi. E rile a tswa la gagwe, motshwarelela mogolwane wa baoki kwa Kgatleng, Mme Josephine Baffoe, a rotloetsa baithuti go tsibogela botsogo jwa bone ka methale yotlhe ba santse ba le babotlana a gatelela gore ba seka ba nna le tlhaloganyo ya gore go na le malwetse a bagolo le a bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Bokaa
Event : Thuto puisanyo
Date : 26 May 2025







